DIPESALOME 9

Tebogo ya kgololo e kgolo

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi ka fa moopelong wa “Swela morwa”.

2 Ke tla go leboga,Morena,

ka pelo yotlhe,

ke tla bolela dikgakgamatso tsotlhe

tsa gago.

3 Ke tla itumela,

ke ipela mo go wena;

ke tla opelela leina la gago,

wena Mogodimodimo.

4 Ka gonne baba ba me

ba katile ka morago,

ba kgotšwa,

ba nyelela fa pele ga gago.

5 Gonne o emetse tshiamo ya me

le tsheko ya me,

wa ipaya mo sedulong sa bogosi,

o le moatlhodi yo o siameng.

6 O kgalemetse Baditšhaba,

wa nyeletsa baikepi,

maina a bona wa a phimolela ruri.

7 Baba ba sule,

ke marope fela ka bosakhutleng,

le metse o e thubile,

go gopolwa ga yona go ile.

8 MmeMorenaene o nnela ruri,

sedulo sa gagwe

o se baakanyeditse go atlhola.

9 O atlhola lefatshe ka tshiamo,

o siamisetsa merafe

ka boammaaruri.

10 Ka mooMorenake botshabelo

jo bo thata jwa bapatikwa,

ke botshabelo jo bo thata

mo metlheng ya pitlagano.

11 Ba ba itseng leina la gago

ba a go ikanya;

ka gonne wenaMorena

ga o ke o tlogela

ba ba go batlang.

12 OpelelangMorena

yo o agileng mo Sione;

bolelang ditiro tsa gagwe

mo merafeng.

13 Gonne ena yo o busolosang madi

o ba gopotse,

ga a lebale selelo sa batlalelwi.

14 Morena, intshwarele,

ela se ke se bogang

mo go bona

ba ba ntlhoileng tlhoko,

wena yo o ntsholetsang

mo dikgorong tsa loso,

15 gore ke tle ke bolele

dipôkô tsotlhe tsa gago,

ke dudueletse pholoso ya gago

mo dikgorong tsa morwadia Sione.

16 Baditšhaba ba wetse mo lemeneng

le ba le epileng,

dinao tsa bona di tshwerwe

ke letloa

le ba le thaileng mo sephiring.

17 Morenao ikitsisitse,

o dirile katlholo,

moikepi o raraanye

ka tiro ya diatla tsa gagwe.

Go a lediwa. Sela.

18 Baikepi ba tla boela

kwa felong ga baswi,

le baheitane botlhe

ba ba lebetseng Modimo.

19 Gonne bahumanegi

ga ba nke ba lebalelwa ruri,

le tsholofelo ya babogisegi

ga e kitla e tlhokafalela ruri.

20 Tloga o eme,Morena!

A motho a se ka a thatafala,

a baheitane ba atlholwe

fa pele ga gago.

21 Morena, ba tlatse poifo,

a baheitane ba itemoge,

fa e le batho fela. Sela.