Loboko lwa go baka tshiamo ya Modimo
1 Pesalome. Sefela sa letsatsi la Sabata.
2 Go monate go lebogaMorena
le go opelela leina la gago dipako,
Mogodimodimo,
3 go bolela bopelotlhomogi jwa gago
mo mosong
le boikanyo jwa gago bosigo,
4 ka kwadi ya dithapo di le some
le ka harepa le ka melodi
ya segwana.
5 Gonne wenaMorena
o intumedisitse
ka go dira ga gago;
ke duduetsa ditiro
tsa diatla tsa gago.
6 Ditiro tsa gago,Morena,
di dikgolo jang!
Dikakanyo tsa gago di botengteng.
7 Seeleele ga se di lemoge,
lesilo ga le di tlhaloganye.
8 Fa baikepi ba gola sentle
jaaka bojang,
mme badirabosula
botlhe ba kgaba jaaka dithunya,
e a be e le gore ba nyelediwe
ka bosakhutleng.
9 Mme wenaMorena
o Mogodimodimo ka
bosakhutleng.
10 Gonne ruri, baba ba gago,
Morena,
ruri baba ba gago ba tla latlhega,
basulatsi botlhe ba tla faladiwa.
11 Lonaka lwa me o lo tsholetsa
jaaka lwa nare,
o ntloditse lookwane lo lošwa.
12 Leitlho la me le tla leba
baba ba me ka kgatlhego,
ditsebe tsa me di tla utlwela
tatlhego ya basenyi
ba ba ntsogelang ka boitumelo.
13 Mosiami o tla tlhoga jaaka
mokolane a gole jaaka setlhare
sa mosetere wa Lebanone;
14 ba ba tlhomilweng mo Ntlong ya
Morena
ba tla tlhoga mo malapeng a
Modimo wa rona.
15 Ba tla nna ba ungwa
le mo botsofeng;
ba tla nona, ba nna banana,
16 e le go bolela goreMorena
ke wa nnete.
Ke lefika la me;
ga go tshiamololo epe mo go ena.