DIPESALOME 94

Thapelo ya go gololwa mo go ba ba patikang morafe wa Modimo

1 Morena,

Modimo wa pusoloso,

Modimo wa pusoloso, iponatse!

2 Nanoga, Moatlhodi wa lefatshe;

busetsa baikgantshi ditiro tsa bona.

3 Baikepi ba tla tsaya sebaka

se se kana kang,Morena?

Baikepi ba tla duduetsa

goleele go le kae?

4 Ba phoka lefulo,

ba bua ka makgakga;

badirabosula ba ikgantsha botlhe.

5 Morena, ba šobotla batho ba gago,

ba patika boswa jwa gago.

6 Ba bolaya motlholagadi le moeng;

ba gaila masiela,

7 ba re: “Morenaga a nke a bona;

Modimo wa ga Jakobe

ga o nke o lemoga.”

8 Lemogang,

lona dieleele mo morafeng!

Lona masilo, lo tla tlhalefa leng?

9 A ena yo o tlhomileng tsebe

ga a ka ke a utlwa?

A ena yo o bopileng leitlho

ga a ka ke a bona?

10 A yo o layang ditšhaba

ga a ka ke a di kgalemela,

ena yo o rutang batho kitso?

11 Morenao itse megopolo ya batho,

fa e le ya lefela.

12 Go sego motho yo wena,Morena,

o mo watlhayang,

o mo ruta molao wa gago

13 gore o tle o mo nee tapologo

mo malatsing a tlalelo,

go tsamaya moikepi

a epelwe lemena.

14 GonneMorena

ga a nke a latlha batho ba gagwe;

ga a nke a tlogela

boswa jwa gagwe.

15 Katlholo e tla boela mo tshiamong;

botlhe ba ba dipelo

di tlhamaletseng ba tla e latela.

16 Ke mang yo o tla nkemelang

mo basulatsing?

Ke mang yo o tla mpuelelang

mo go ba ba dirang bosula?

17 Fa e ka bo e seMorena

yo o nthusang,

mowa wa me o ka bo o setse

o le gaufi le felo ga tidimalo.

18 E ne ya re fa ke re:

“Lonao lwa me lo a theekela!”

bopelotlhomogi jwa gago,

Morena, bo ntshegetse.

19 Mo bontsing jwa matshwenyego

a a mo teng ga me,

dikgomotso tsa gago

di itumedisa mowa wa me.

20 A sedulo sa moatlhodi sa tshenyo

se ka dumelana le wena,

se se bopang bosula

ka go sokamisa molao?

21 Ba ikopanyetsa

bophelo jwa mosiami,

ba sekisa madi a a se nang molato.

22 MmeMorenake phemelo ya me;

Modimo wa me e ntse e le lefika

la botshabelo jwa me.

23 O tla ba busolosetsa

tshiamololo ya bona,

a ba fedisa

ka ntlha ya bosula jwa bona;

Morena, Modimo wa rona,

o tla ba nyeletsa.