Tlhotlheletso ya go dudueletsa Modimo
1 Tlayang a re dudueletseng
Morena,
re ipeleleng lefika la pholoso
ya rona.
2 A re tleng fa pele ga sefatlhego
sa gagwe ka malebogo,
re mo ipeleleng ka dikopelo
tsa pako.
3 GonneMorena
ke Modimo o mogolo,
ke kgosi e kgolo,
mmusi wa medimo yotlhe,
4 yo mateng a lefatshe
a leng mo seatleng sa gagwe,
yo ditlhoa tsa dithaba
e leng tsa gagwe;
5 yo lewatle e leng la gagwe,
o le tlhodile;
le lefatshe le le omileng
ke la gagwe,
diatla tsa gagwe di le bopile.
6 Tlayang a re obameleng, re iname,
re khubame fa pele gaMorena,
Mmopi wa rona.
7 Gonne ke ene Modimo wa rona;
rona re batho
ba bofulo jwa gagwe
le dinku tsa seatla sa gagwe.
E kete lo ka bo lo utlwa
lentswe la gagwe kajeno!
8 “Se thatafatseng dipelo tsa lona
jaaka kwa Meriba
le ka letsatsi la Masa mo sekakeng,
9 kwa borraalona ba nthaetseng teng,
ba nteka,
etswe ba bonye ditiro tsa me.
10 Ke ne ka tenwa ke morafe
oo dinyaga di le 40,
ka bua ka re: ‘Batho ba,
ke ba ba dipelo di timetseng,
ga ba itse ditsela tsa me.’
11 Ke gona ka moo ke ikanneng
mo bogaleng jwa me ka re:
‘Ga ba nke ba tsena
mo boikhutsong jwa me.’ ”