DIPESALOME 96

Opelelang moatlhodi, o e tla

1 OpelelangMorena

sefela se sešwa;

opelelangMorena,

lona mafatshe otlhe!

2 OpelelangMorena,

lo bake leina la gagwe,

utlwatsang pholoso ya gagwe

ka letsatsi lengwe le lengwe!

3 Bolelang kgalalelo ya gagwe

mo merafeng le dikgakgamatso

tsa gagwe mo bathong botlhe!

4 GonneMorenao mogolo,

pako e kgolo e mo tshwanetse;

o boitshega

bogolo go medimo yotlhe.

5 Gonne medimo yotlhe ya merafe

ga se ya sepe;

mmeMorenao dirile magodimo.

6 Borena le kgalalelo

di fa pele ga gagwe;

thata le bontle di mo Felong

ga gagwe ga Boitshepo.

7 NtshetsangMorena,

lona ditso tsa merafe,

ntshetsangMorena

kgalalelo le thata!

8 NtshetsangMorena

kgalalelo ya leina la gagwe,

tlisang ditshupelo,

lo tsene mo malapeng a gagwe!

9 ObamelangMorena

ka mokgabo o o boitshepo;

roromang fa pele

ga sefatlhego sa gagwe,

lona mafatshe aotlhe!

10 Buang mo merafeng lo re:

“Morenake kgosi;

o thaile lefatshe

gore le se tshikinyege;

o tla atlhola batho ka tshiamo.”

11 A magodimo a itumele,

a lefatshe le duduetse,

a lewatle le gwase

le tse di tletseng mo go lone.

12 A naga e ipele

le tsotlhe tse di mo go yona;

ke gona ditlhare tsotlhe tsa sekgwa

di tla duduetsang

fa pele gaMorena;

13 gonne o e tla,

o tsile go atlhola lefatshe;

o tla atlhola lefatshe ka tshiamo

le batho ka boammaaruri

jwa gagwe.