Mogolodi wa badumedi le moatlhodi wa lefatshe
1 Pesalome.
OpelelangMorenasefela se sešwa;
gonne o dirile
dilo tse di gakgamatsang.
O fenya ka seatla se se jang,
e bong ka letsogo la gagwe
le le boitshepo.
2 Morenao utlwaditse
pholoso ya gagwe,
a senolela matlho a ditšhaba
tshiamo ya gagwe.
3 O gopotse bopelontle jwa gagwe
le boikanyo jwa gagwe
mo Baiseraeleng;
dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe
di bonye pholoso
ya Modimo wa rona.
4 DudueletsangMorena,
lona ba lefatshe lotlhe;
ponyegang, lo ipele, lo opele.
5 OpelelangMorenaka katara,
ka katara le mantswe a kopelo.
6 Duduetsang ka diphala
le tumo ya dinaka
fa pele gaMorenayo e leng kgosi.
7 A lewatle le gwase
le tse di tletseng mo go lone,
le lefatshe le ba ba agileng
mo go lone.
8 A dinoka di ope diatla
le dithaba di pate ka maipelo
9 fa pele gaMorena.
Gonne o e tla go atlhola lefatshe.
O tla atlhola lefatshe ka tshiamo,
le batho ka tshwanelo.