Petoro o emela kolobetso ya baheitane ba ba tlhabologang
1 Jaanong baapostolo le bakaulengwe ba ba kwa Jutea ba utlwa gore Baditšhaba le bone ba amogetse Lefoko la Modimo.
2 E rile Petoro a sena go fitlha kwa Jerusalema, ba e leng ba bogwera ba ganetsanya nae ba re:
3 “O ile wa tsena mo banneng ba ba sa rupang, wa ja nabo.”
4 Mme Petoro a simolola go ba ranolela ka thulaganyo a re:
5 “Ke ne ke le mo motseng wa Jope, ke rapela. Ya re ke wetswe ke tshiramo ya pelo, ka bona pono, e bong setsholo se se tswang kwa legodimong, e kete lesela le legolo, le lepeleditswe ka dintlha tse nne, la fitlha fa go nna.
6 Ya re ke sena go le tlhoma matlho, ka le tlhokomela, ka ba ka bona dilo tse di maoto-mane tsa lefatshe le dibata le tse di gagabang le dinonyane tsa loapi.
7 Le gona ka utlwa lentswe le nthaya le re: ‘Nanoga, Petoro, tlhaba o je!’
8 Mme ka re: ‘A go se nne jalo, Morena; gonne ga go ise go ke go tsene sepe mo leganong la me se se ilegang gongwe se se itshekologileng.’
9 Mme lentswe la araba lwa bobedi, le tswa kwa legodimong, la re: ‘Tse Modimo o di itshekisitseng, wena o se ka wa di kaya tse di ilegang.’
10 Ga dirafala jalo gararo, tsotlhe tsa ba tsa tsholelwa gape kwa legodimong.
11 “Mme ka yona nako eo banna ba le bararo ba tla, ba ema fa pele ga ntlo e re ne re le mo go yona, ba romilwe kwa go nna, ba tswa kwa Kaisarea.
12 Mme Mowa wa nthaya wa re, ke ye nabo, ke se tlhaole ope. Mme le bakaulengwe ba barataro ba, ba ne ba ya le nna, ra tsena mo ntlong ya monna yoo.
13 A re bolelela ka fa a bonyeng moengele ka teng a eme mo ntlong ya gagwe a re: ‘Roma kwa Jope go bitsa Simone yo leina le lengwe la gagwe e leng Petoro;
14 ene o tla go bolelela mafoko a o tla pholosiwang ka ona, wena le ba ntlo ya gago botlhe.’
15 Ya re ke simolola go bua, Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go bona fela jaaka mo go rona mo tshimologong.
16 Jaanong ka gakologelwa Lefoko la Morena jaaka a rile: ‘Fa e le Johane, ene o kolobeditse ka metsi; mme lona lo tla kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo.’
17 Fa jaanong Modimo o ba neile neo e e tshwanang le ya rona ba re dumetseng mo go Morena Jesu Keresete, nna ke ne ke le mang, yo nka kgoreletsang Modimo?”
18 Ya re ba utlwa jalo, ba didimala, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Jaanong ke go re: Baditšhaba le bone Modimo o ba neile tlhabologo e e isang bophelong.”
Phuthego ya ntlha ya Bakeresete kwa Antiogia
19 Jaanong ba ba faladitsweng ka pogiso e e tsogileng ka ntlha ya ga Setefane ba ya go fitlha kwa Fenikia le kwa Kipero le kwa Antiogia, ba sa bolelele ope Lefoko fa e se Bajuta fela.
20 Mme bangwe ba bone e ne e le banna ba Kipero le ba Kirene, ba e rileng ba fitlha kwa Antiogia, ba bua le Bagerika le bone, ba rera Efangele ya Morena Jesu.
21 Letsogo la Morena la nna nabo, mme ba bantsi ba dumela, ba sokologela mo Moreneng.
22 Tumo ka ga bone ya utlwala mo ditsebeng tsa phuthego ya kwa Jerusalema, ba be ba roma Baranaba kwa Antiogia.
23 Ya re a fitlha teng, mme a bona bopelotlhomogi jwa Modimo, a itumela, a ba a ba kgothatsa botlhe gore ba ngaparele Morena ka boikaelelo jwa pelo;
24 gonne e ne e le monna yo o siameng, a tletse Mowa o o Boitshepo le tumelo; mme bontsi jo bogolo jwa oketsegela Morena.
25 Ke fa Baranaba a tswa teng, a ya kwa Tareso go batla Saule.
26 Ya re a sena go mmona, a mo isa kwa Antiogia. Ga fela ngwaga o o tletseng ba ntse ba nna le phuthego, ba ruta bontsi jo bogolo. Teng kwa Antiogia barutwa ba simolola go bidiwa Bakeresete.
27 Mo malatsing ao ga fitlha baporofeti bangwe mo Antiogia, ba tswa Jerusalema.
28 Ga nanoga mongwe wa bone yo leina la gagwe e leng Agabo, a bolela ka Mowa gore go tla nna leuba le legolo mo lefatsheng lotlhe. Ke le le neng la dirafala mo malatsing a ga Kelaudio.
29 Barutwa ba dumalelana gore ba romele dithuso kwa badumeding-ka-bone ba ba agileng kwa Jutea, mongwe le mongwe ka fa a nonofileng ka teng.
30 Ba be ba dira jalo, ba di romela kwa bagolong ka Baranaba le Saule.