Loso lwa ga Jakobo. Kgolego ya ga Petoro
1 E rile ka sebaka seo kgosi Herote a tshwara bangwe ba phuthego go ba direla tse di setlhogo.
2 A bolaya Jakobo, morwa-rraagwe Johane, ka tšhaka.
3 Ya re a bona gore go kgatlhile Bajuta, a tswelela pele, a tshwara le ene Petoro. Mme ya bo e le malatsi a Dinkgwe tse di sa bedisiwang.
4 Ya re a sena go mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, a mo neela ditlhophana tse nne tsa batlhabani, tse go leng ba le bane mo go sengwe le sengwe, go mo disa; mme a ikaeletse gore e tle e re Tlolaganyo e sena go feta, a mo sekise fa pele ga morafe.
5 Petoro a disiwa jalo mo ntlong ya kgolegelo; mme phuthego ya nna ya mo rapelela fa pele ga Modimo.
Kgololo e e gakgamatsang ya ga Petoro
6 E rile ka jona bosigo joo, fa Herote a tla tsoga a mo ntsha, Petoro a bo a robetse fa gare ga batlhabani ba le babedi, a golegilwe ka dikeetane tse pedi, balebeledi ba le fa mojako, ba disitse ntlo ya kgolegelo.
7 Mme moengele wa Morena a ema fa go ene ka tshoganyetso, le lesedi la phatsima mo ntlong; mme a batola Petoro fa letlhakoreng, a mo tsosa a re: “Tsoga ka bonako!” Mme dikeetane tsa wa mo mabogong a gagwe.
8 Moengele a ba a mo raya a re: “Itlame o rwale ditlhako tsa gago!” Petoro a dira jalo. Jaanong a mo raya a re: “Apara kobo ya gago o ntshale morago!”
9 A tswa, a mo sala morago, mme a bo a sa itse gore a se se dirilweng ke moengele ke nnete; a itlhoma a bona pono fela.
10 Ya re ba sena go feta balebeledi ba ntlha le ba bobedi, ba fitlha fa setswalong sa tshipi sa kgoro e e tswelang kwa motseng; mme sona sa ba ipulela. Ba tswa, ba tsamaya go fitlha mokgwatheng o o kgabaganyang; foo moengele a akofa a kgaogana nae.
11 Ya re Petoro a sena go sedimogelwa, a re: “Jaanong ke itse gore ruri Morena o romile moengele wa gagwe, a nkgolola mo seatleng sa ga Herote le mo go tsotlhe tse morafe wa Bajuta o neng o di lebeletse.”
12 Ya re a sena go lemoga jalo, a ya kwa ntlong ya ga Maria, mma Johane yo leina le lengwe la gagwe e leng Mareko, kwa ba bantsi ba neng ba phuthegetse teng, ba rapela.
13 Ya re a konyakonya setswalo sa kgoro, lelata le le bidiwang Rote la tla go reetsa.
14 A lemoga lentswe la ga Petoro, a se ka a bula kgoro ka ntlha ya boitumelo, mme a tabogela mo teng, a bolela gore Petoro o eme fa kgorong.
15 Ba mo raya ba re: “O a tsenwa.” Mme ene a tlhomamisa thata gore go ntse jalo. Bone ba re: “Ke moengele wa gagwe.”
16 Mme Petoro a nna a konyakonya. Ya re ba sena go bula, ba mmona, ba be ba tseana.
17 A ba boka ka seatla gore ba didimale, a ba bolelela ka fa Morena a mo ntshitseng mo ntlong ya kgolegelo ka teng; a ba a re: “Bolelang Jakobo le bakaulengwe dilo tseo.” Mme a tloga a ya felong go sele.
Loso lwa ga Herote ka petso ya Modimo
18 Ya re bo sena go sa, ga nna khuduego e kgolo mo batlhabaning gore go dirafetse eng ka Petoro.
19 Ya re Herote a sena go mmatla, mme a sa mmone, a sekisa balebeledi, a laela gore ba bolawe; a tloga mo Jutea, a ya kwa Kaisarea, a nna teng.
20 O ne a galefetse ba Tiro le ba Sitone thata. Mme bone ba tla go ene ka bongwefela jwa pelo, ba itsalanya le Belaseto, modisa wa marobalo a kgosi, ba kopa kagiso; ka gonne lefatshe la bone le ne le jesiwa ke lefatshe la kgosi.
21 Ya re ka letsatsi le le beilweng Herote a apara diaparo tsa bogosi, a nna mo sennong sa bogosi, a bua le bone.
22 Ke fa batho ba kua ba re: “Ke lentswe la modimo, ga se la motho.”
23 Moengele wa Morena a mo itaya ka bonako, ka a se ka a naya Modimo tlotlo. Mme a jewa ke diboko, a swa.
Go ntsifala ga phuthego
24 Mme Lefoko la Modimo la gola, la ntsifala.
25 E rile Baranaba le Saule ba sena go fitlhisa dithuso tsa Antiogia, ba boa kwa Jerusalema, ba na le Johane yo leina le lengwe la gagwe e leng Mareko.