ESERA 1

Korese o busetsa Bajuta kwa gae

1 Ka ngwaga wa ntlha wa ga Korese kgosi ya Peresia – e le go dirafatsa lefoko laMorenale o le buileng ka molomo wa ga Jeremia –Morenaa tsosa mowa wa ga Korese kgosi ya Peresia, ya ba ya tlhaba mokgosi mo pusong yotlhe ya yona le ka dikwalo ya re:

2 “Korese kgosi ya Peresia o bua jaana a re: ‘Morena, Modimo wa legodimo, o nneile magosi otlhe a lefatshe, a ba a ntaela ka esi gore ke mo agele Ntlo kwa Jerusalema mo Juta.

3 Jaanong le fa e le mang mo go lona yo e leng wa morafe wa gagwe, a Modimo wa gagwe o nne nae; mme a a boele kwa Jerusalema yo o kwa Juta, a age Ntlo yaMorena, Modimo wa Iseraele. Ke ona Modimo o o kwa Jerusalema.

4 Mongwe le mongwe wa lesalela wa felo gongwe le gongwe kwa a jakang teng a batho ba gona ba mo thuse ka selefera le gouta le dithoto le diruiwa mmogo le dineo tsa lorato tsa Ntlo ya Modimo o o kwa Jerusalema.’ ”

5 Ke fa go nanoga ditlhogo tsa dikgoro tsa Juta le Benyamene le baperesiti le Balefi le mongwe le mongwe yo Modimo o tsositseng mowa wa gagwe, go boela le go aga Ntlo yaMorenayo o kwa Jerusalema.

6 Mme botlhe ba ba neng ba le mo tikologong ya bone ba tiisa mabogo a bone ka dilo tsa selefera le ka gouta le ka dithoto le ka diruiwa le ka dilo tse di tlhokegang kwa ntle ga dineo tsotlhe tsa bopelotshweu.

7 Dilo tsa Ntlo yaMorenatse Nebukatenesare o neng a di ntshitse kwa Jerusalema, a di baya mo tempeleng ya modimo wa gagwe, tsona kgosi Korese a di ntsha.

8 Korese kgosi ya Peresia a di neela mo diatleng tsa ga Mitheretathe, mookamedi wa dikhumo; ene a di bala, a di neela Sesebasare, mogogi wa Bajuta.

9 Palo ya tsona ke e: Megopo ya gouta e le 30, megopo ya selefera e le 1 000; dithipa di le 29,

10 dinwelo tsa gouta di le 30, dinwelo tsa selefera di le 410, dilwana tse dingwe di le 1 000.

11 Dilo tsotlhe tsa gouta le tsa selefera di ne di le 5 400. Tsotlhe tseo Sesebasare o tlile natso jale fa a ntsha batshwarwi kwa Babele, a ba isa kwa Jerusalema.