Esetere o direla kgosi le Hamane mokete
1 Ka letsatsi la boraro Esetere a apara diaparo tsa bohumagadi, a ya a ema mo lapeng la ka fa teng la ntlo ya kgosi fa go lebanyeng le ntlo ya kgosi, mme kgosi ya bo e dutse mo sedulong sa yona sa bogosi mo ntlong ya bogosi go lebagana le mojako wa ntlo.
2 Jaanong ya re kgosi e bona Esetere mohumagadi a eme mo lapeng, ya mmontsha bopelotlhomogi, ya ba ya mo otlololela thobane ya bogosi ya gouta e e neng e e tshotse; ke fa Esetere a atamela, a ama ntlha ya thobane ya bogosi.
3 Mme kgosi ya mmotsa ya re: “O ne o reng, Esetere mohumagadi? O kopang? Le fa e ka nna bontlhanngwe jwa puso, o tla bo newa.”
4 Esetere a araba a re: “Fa go siametse kgosi, a kgosi e tle le Hamane kajeno kwa moletlong o ke o e diretseng.”
5 Mme kgosi ya re: “Bitsang Hamane, a tle ka pele gore re dire ka fa lefokong la ga Esetere.” Kgosi ya tla jalo e na le Hamane kwa moletlong o Esetere o neng a o dirile.
6 Jaanong ya re ba le moletlong wa go nwa weine, kgosi ya botsa Esetere gape ya re: “Se o se kopang ke eng? O tla se newa. Se o se batlang ke eng? Le fa se ka lekana le bontlhanngwe jwa puso, o tla se direlwa.”
7 Ke fa Esetere a araba a re: “Kopo le keletso ya me ke tse:
8 Fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a kgosi, fa go kgatlha kgosi go nnaya se ke se kopang le go dirafatsa keletso ya me, a kgosi e tle le Hamane kwa moletlong o ke tla o ba direlang le kamoso; mme kamoso ke tla bolela kopo ya me ka fa lefokong la kgosi.”
9 Ka letsatsi leo Hamane a tswa a itumetse a le pelotshweu; mme ya re Hamane a bona Moretogai mo kgorong ya kgosi, a sa nanoge, a sa mo tshoge, Hamane a betwa ke pelo ka ntlha ya ga Moretogai.
Hamane o ikaelela go pega Moretogai mo koteng
10 Fela Hamane a itshwara, mme ya re a tsena mo ntlong ya gagwe, a roma motho go ya go bitsa ditsala tsa gagwe le Serese, mosadi wa gagwe.
11 Hamane a ba a ba bolelela ka ga kgalalelo ya khumo ya gagwe le bontsi jwa bomorwawe le tsotlhe tse kgosi e mo godisitseng ka tsona le ka fa e mo dirileng yo mogolo ka teng bogolo go dikgosana le batlhanka ba kgosi.
12 Hamane a ba a re: “Le mohumagadi Esetere ga a ka a laletsa ope le kgosi go tla moletlong o a neng a o dirile fa e se nna. Mme le kamoso o ntaleditse mmogo le kgosi.
13 Mme tsotlhe tseo ga di ise di ntekane, fa ke sa ntse ke bona Moretogai wa Mojuta a dutse mo kgorong ya kgosi.”
14 Ke fa Serese, mosadi wa gagwe, le ditsala tsotlhe tsa gagwe ba mo raya ba re: “A go tlhongwe kota e telele ya mabogo a le 50, mme ka mmamoso o ree kgosi gore ba pege Moretogai mo go yona. Foo o tla itse go ya le kgosi kwa moletlong o thabile.” Lefoko leo la kgatlha Hamane, a tlhoma kota eo.