Bajuta ba ipusolosetsa mo babeng ba bone
1 Ka kgwedi ya 12, e bong kgwedi ya Atare letsatsi la 13 la yona, ke lone lefoko la kgosi le molao wa yona di tla dirafadiwang ka lone. Ka letsatsi leo baba ba Bajuta ba neng ba solofetse go ba bolaya ka lone ga fetoga, ya nna lone le Bajuta ba tla bolayang batlhoi ba bone ka lone.
2 Bajuta ba phuthega mo metseng ya bone mo mafatsheng otlhe a kgosi Ahasewerose go tlhasela bone ba ba neng ba batlile tatlhego ya bone; mme go ne go se ope yo o ka emelanang nabo; gonne go ba boifa go ne go wetse mo merafeng yotlhe.
3 Le dikgosana tsotlhe tsa mafatshe le babusi ba bagolo le balaodi le baokamedi ba tiro ya kgosi ba thusa Bajuta; gonne poifo ya go boifa Moretogai e ne e ba wetse.
4 Gonne Moretogai o ne a le mogolo mo ntlong ya kgosi, mme tumedi ya gagwe ya utlwala mo mafatsheng otlhe; gonne monna yoo, Moretogai, a nna a godisediwa pele.
5 Mme Bajuta ba dira polao mo babeng botlhe ba bone, ba ba rema ka tšhaka, ba ba bolaya, ba ba nyeletsa; ba dira ka batlhoi ba bone ka fa ba ratang ka teng.
6 Kwa Susane motseng o o femetsweng, Bajuta ba bolaya banna ba le 500, ba ba nyeletsa.
7 Le gona ba bolaya Pharesanetatha le Dalefone le Asephatha
8 le Phoratha le Atalea le Aritatha
9 le Pharemasetha le Arisai le Aritai le Wayesatha,
10 ba ba some, bomorwa Hamane, morwa Hametatha, mmaba wa Bajuta, ba ba bolaya, mme ba se ka ba tshwara leruo.
11 Ka letsatsi leo palo ya ba ba bolailweng mo Susane motseng o o femetsweng ya begelwa kgosi.
12 Ke fa kgosi e raya mohumagadi Esetere e re: “Mono Susane, motseng o o femetsweng, Bajuta ba bolaile banna ba le 500, ba ba nyeletsa mmogo le bomorwa Hamane ba ba some. E kete nka itse se ba se dirileng kwa mafatsheng a mangwe a kgosi? Mme se o se kopang ke eng? O tla se fiwa. Se o sa ntseng o se batla ke eng? Go tla dirwa.”
13 Esetere a re: “Fa go siametse kgosi, a Bajuta ba mono Susane ba dumelelwe le kamoso go dira ka fa molaong wa kajeno, mme a bomorwa Hamane ba ba some ba pegwe mo koteng.”
14 Kgosi ya laela gore go dirwe jalo. Mme molao wa teng wa begwa mo Susane. Mme bomorwa Hamane ba ba some ba pegwa.
15 Mme Bajuta ba ba mo Susane ba kgobokana gape ka letsatsi la 14 la kgwedi ya Atare, ba bolaya banna ba le 300 mo Susane, mme ba se ka ba tshwara leruo.
16 Le Bajuta ba bangwe ba ba kwa mafatsheng a kgosi ba ne ba phuthegile ba emetse maphelo a bone, ba bona boikhutso jalo mo babeng ba bone; mme mo go ba ba ba tlhoileng ba ne ba bolaile ba le 75 000, mme ba se ka ba tshwara leruo;
17 e le ka letsatsi la 13 la kgwedi ya Atare, mme ba ikhutsa ka letsatsi la 14 la yona, ba le dira letsatsi la moletlo le la boitumelo.
18 Mme Bajuta ba Susane ba ne ba phuthegile ka la 13 le la 14 la yona, ba ikhutsa ka la 15 la yona, ba dira lone letsatsi la moletlo le la boitumelo.
19 Ke ka ntlha ya moo fa Bajuta ba kwa nageng ba ba agileng mo metseng e e sa femelwang ba dira letsatsi la 14 la kgwedi ya Atare letsatsi la boitumelo le la moletlo, e le letsatsi le le monate, ba abelana dikabelo.
Tlhomamisa ya Moletlo wa Phurime
20 Mme Moretogai a kwala ditirafalo tseo, a ba a romela dikwalo kwa Bajuteng botlhe ba mafatshe otlhe a kgosi Ahasewerose, ba ba gaufi le ba ba kgakala,
21 a ba tlhomamisetsa gore ba nne ba dire moletlo wa letsatsi la 14 la kgwedi ya Atare le letsatsi la 15 la yona ka ngwaga mongwe le mongwe;
22 e le ona malatsi a Bajuta ba bonyeng boikhutso ka ona mo babeng ba bone, e le yona kgwedi fa bohutsana bo ba fetogela boitumelo le khutsafalo e ba fetogela letsatsi le le monate gore malatsi ao ba a dire malatsi a moletlo le a boitumelo, ba abelane dikabelo ka ona le go naya bahumanegi dineo.
23 Mme Bajuta ba amogela tse ba simolotseng go di dira le tse ba di kwaletsweng ke Moretogai go nna molao.
24 Ke ka gonne Hamane, morwa Hametatha oora Agage, mmaba wa Bajuta botlhe, o ne a logetse Bajuta maano a go ba nyeletsa, a bile a tlhamile Phure, e bong tengwa go ba tshosa le go ba nyeletsa,
25 mme ya re Esetere a sena go tsena fa pele ga kgosi, ya laela ka lokwalo gore maano a a bosula a ga Hamane a o neng a a logetse Bajuta, a boele mo tlhogong ya gagwe. Mme ba mo pega mo koteng le bomorwawe.
26 Ke ka moo malatsi ao a bidiwang Phurime ka fa leineng la tengwa ya Phure. Ka moo he, ke ka ntlha ya mafoko otlhe a lokwalo loo le ka ntlha ya se ba se bonyeng le se se ba dirafaletseng,
27 fa Bajuta ba a tlhomamisa, ba a amogela go nna molao wa bone le wa ditso tsotlhe tsa bone le wa botlhe ba ba ikopanyang nabo o o sa dirololweng gore ba nne ba tshegetse malatsi a mabedi ao ka ngwaga mongwe le mongwe ka fa molaong wa ona le ka nako ya ona;
28 e le gore malatsi ao a nne a gopolwe, a nne a tshegediwe mo ditshikeng tsotlhe tsa metlha yotlhe lefatsheng lengwe le lengwe le motseng mongwe le mongwe le gore malatsi ao a Phurime a se ka a lebalwa mo Bajuteng le kgakologelo ya ona e se ka ya timelela ditso tsa bone.
29 Mme mohumagadi Esetere, morwadia Abigaile, le Mojuta Moretogai ba kwala lokwalo loo lwa bobedi, ba gatelela mafoko a moletlo oo gore molao oo o tlhomame.
30 Moretogai a ba a romela dikwalo kwa Bajuteng botlhe ba mafatshe a le 127 a puso ya ga Ahasewerose, e le mafoko a kagiso le boammaaruri
31 gore ba tlhomamise malatsi ao a Phurime ka nako ya ona jaaka ba a tlhomamiseditswe ke Mojuta Moretogai le mohumagadi Esetere le jaaka bone ka bosi ba tlhomamisitse mafoko a malatsi a go itima dijo le a selelo sa bone go nna molao wa bone le wa ditso tsa bone.
32 Mme taelo ya ga Esetere ya tlhomamisa mafoko ao a Phurime, mme ya kwalwa mo lokwalong.