HABAKUKE 3

Thapelo ya moporofeti

1 Thapelo ya ga Habakuke moporofeti, ka moopelo wa sefela sa selelo.

2 Morena,

ke utlwile pegelo ya gago,

ka ba ka tshoga.

Morena, dirafatsa tiro ya gago

mo gare ga dinyaga,

ò e itsise mo gare ga dinyaga.

Mme mo bogaleng

ò gakologelwe boutlwelo-botlhoko.

3 Modimo o tla tswa

kwa Themane,

Moitshepi a tswa

kwa thabeng ya Pharane. Sela.

Kgalalelo ya ona

e khurumeditse magodimo,

lefatshe le tletse pako ya ona.

4 Go tla nna phatsimo

jaaka lesedi la letsatsi,

marang a fa lotlhakoreng

lwa ona;

ke fa thata ya ona

e fitlhilweng teng.

5 Leroborobo le tla o etelela pele,

letshoroma le o sala morago.

6 Fa o ema, o roromisa lefatshe;

fa o leba, o tsibosa ditšhaba;

dithaba tse di sa khutleng

di a phatlakanngwa,

dithabana tsa bogologolo

di a kokobela,

tse e leng metsamao ya ona

ya kgale.

7 Ke bonye ditente tsa Kušane

di le mo tlalelong,

masela a ditente tsa lefatshe

la Midiane a tetesela.

8 Morena,

a ò tuketse dinoka bogale?

A ò galefetse dinoka?

Gongwe a ò gakaletse lewatle,

ka ò palame dipitse tsa gago

le dikoloi tsa gago tsa phenyo?

9 Bora jwa gago

bo etleetsegile gotlhe.

Kgwatlha ya gago ya metsu

e tletse. Sela.

O phatlola lefatshe

gore le tswe dinoka.

10 Fa dithaba di go bona,

di a roroma.

Morwalela o a feta.

Lewatle le a duma,

le tsholeletsa mabogo

kwa godimo.

11 Letsatsi le ngwedi

di boela mo mannong a tsona.

Go bonesa lesedi

la metsu ya gago e e fofang;

go phatsima logadima

lwa lerumo la gago.

12 O ralala lefatshe ò gaketse;

ò photha ditšhaba ò le bogale.

13 O bolotse go thusa

morafe wa gago

le go thusa Motlodiwa wa gago;

o tšhwetlakanya tlhogo ya lapa

la moikepi,

ò mo apola go tloga dinaong

go fitlha molaleng.Sela.

14 O tlhaba tlhogo ya dikgosana

tsa gagwe ka marumo a gagwe

tse di tlhaselang go mphalatsa,

tse di duduetsang jaaka e kete

di rata go ja modidi

fa a fitlhegileng teng.

15 O gatile mo lewatleng

ka dipitse tsa gago,

mo phuthegelong

ya metsi a mantsi.

16 E rile ke utlwa jalo,

teng ya me ya huduega,

molomo wa me wa roroma

ka ntlha ya modumo;

go nyera ga ntsena

mo marapong,

ka tetesela fa ke emeng teng;

gonne ke na le go iketlela

letsatsi la tlalelo

gore le tlele morafe

o o re tlhaselang.

17 Le fa setlhare sa feie

se sa tlhoge,

le fa go se maungo

mo ditlhareng tsa moweine,

le fa phulo ya setlhare sa olefa

e swabisa,

le fa masimo a sa ntshe dijo,

le fa dinku di feleletse

mo sakaneng,

le fa go se dikgomo

mo marakeng:

18 Le fa go ntse jalo

ke rata go dudueletsaMorena,

ke rata go itumelela

Modimo wa pholoso ya me.

19 Modimo Morena ke thata ya me;

o dira maoto a me

jaaka a ditshephe;

o ntsamaisa mo mafelong

a a kwa godimo a me.

Go kwaletswe moopedisi; ka diletso tsa me tsa ditlhale tsa mesifa.