HAKAI 1

Kaelo e e reng: Tsosang Tempele

1 E rile ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, mo kgweding ya borataro, ka letsatsi la ntlha la kgwedi, Lefoko laMorenala tla kwa go Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, ka moporofeti Hakai, la re:

2 Morenawa masomosomo o bua jaana a re: “Morafe o ke ba ba reng: ‘Sebaka ga se ise se tle, sebaka sa go tsosa Ntlo yaMorena.’ ”

3 Mme Lefoko laMorenala tla ka moporofeti Hakai, la re:

4 “A ke sebaka mo go lona go nna mo matlong a a kgabisitsweng ka dipati, mme Ntlo e, yona e ntse e le lesope fela?”

5 Ke ka mooMorenawa masomosomo a buang jaana a re: “Akanyang tlhe tse di lo dirafaletseng:

6 Lo jwetse thata, mme lwa kotula go le gonnye fela; lwa ja, mme lo sa kgore; lwa nwa, mme lo sa nyorologe; lwa apara, mme lo sa thuthafale; yo o neng a sebeletsa tuelo a e lokela mo kgetsaneng e e dutlang.”

7 Morenawa masomosomo o bua jaana a re: “Akanyang tlhe tse di lo dirafaletseng!

8 Palamang mo thabeng, lo tlise dikgong, lo age Tempele; foo go tla nkgatlha, mme ke tla galalediwa,” go buaMorena.

9 “Lo ne lo solofetse go bona tse dintsi, mme bonang, ke tse dinnyane fela; lo ne lo di tlisitse mo gae, ka di budula. Ke ka ntlhaang?” go botsaMorenawa masomosomo. “Ke ka ntlha ya Ntlo ya me e e ntseng e thubakantswe, mme mongwe le mongwe wa lona o tlhokometse ntlo ya gagwe.

10 Ke ka moo legodimo godimo ga lona le ganneng ka monyo, lefatshe la gana ka leungo la lone.

11 Mme ke biditse komelelo, ka e tlisa mo lefatsheng le mo dithabeng le mo mabeleng le mo matuteng a moweine le mo lookwaneng le mo go tsotlhe tse lefatshe le di tlhogisang; le mo bathong le mo dikgomong le mo ditirong tsotlhe tsa diatla.”

Baiseraele ba utlwa taelo ya Morena

12 Ke fa Serubabele, morwa Salathiele, le Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, le masalela otlhe a morafe, ba utlwa, ba dirisa lentswe laMorena, Modimo wa bone, le mafoko a moporofeti Hakai, ka faMorena, Modimo wa bone, a mo romileng ka teng, mme morafe wa boifaMorena.

13 Ke fa Hakai, morongwi waMorena, a bua le morafe ka taelo yaMorenaa re: “Ke na le lona, go buaMorena.”

14 MmeMorenaa tsosa mowa wa ga Serubabele, morwa Salathiele, molaodi wa Juta, le mowa wa ga Jošua, moperesiti yo mogolo, morwa Josatake, le mewa ya masalela otlhe a morafe; ba tla ba dira tiro ya Ntlo yaMorenawa masomosomo, Modimo wa bone

15 ka ngwaga wa bobedi wa kgosi Dario, ka kgwedi ya borataro, ka letsatsi la 24.