HESEKIELE 17

Setshwantsho sa bontsu ba le babedi (kgosi ya Babele le ya Egepeto) le moweine (Setekia)

1 Lefoko laMorenala ba la tla kwa go nna la re:

2 “Morwa-motho, bolelela Baiseraele mafoko a papiso le a setshwantsho

3 o re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Ntsu e kgolo ya diphuka tse dikgolo tse ditelele, e e nang le mafofa a mantsi a a mebalabala, ya tla kwa Lebanone, ya tsaya ntlha ya mosetere;

4 ya kgetla ntlha ya dikalana tsa ona, ya e isa kwa lefatsheng la beng ba kgwebo, ya e baya mo motseng wa barekisi.

5 Ya tsaya letlhogela la lefatshe la teng, ya le tlhoma mo tshimong e e jwetsweng, ya le baya fa metsing a mantsi, ya le tlhoma jaaka mogokare

6 gore le tlhoge, e nne moweine o o anamang, mme o se ka wa golela kwa godimo; gore dikalana tsa ona di lebe kwa go yona, medi ya ona e nne ka fa tlase ga ona fela. Jaanong ya re o sena go nna moweine, wa tlhoga dikala le dikalana.

7 “ ‘Mme gape ga bo go le ntsu e kgolo e nngwe e e nang le diphuka tse dikgolo le mafofa a mantsi. Bonang, moweine oo wa isa medi ya ona kwa go yona, wa tlhogisetsa dikala tsa ona kwa go yona gore yona e o nosetse sentle go phala ditema tse o tlhomilweng mo go tsona.

8 Kana o ne o tlhomilwe mo tshimong e e molemo, fa metsing a mantsi gore o tlhoge dikala, o ungwe maungo, mme e nne moweine o montle.’

9 “Jaanong he bua o re: ‘Morena Modimo o botsa jaana re: A o tla gola sentle? A ga ke re, ntsu ele e tla kumola medi ya ona, e kgaola maungo a ona gore o omelele, mme go swabe matlhare otlhe a ona a a tlhogileng, go se thuso ka letsogo le le thata le e seng ka morafe o mogolo, fa e o kumola ka medi.

10 Bonang, o tlhomilwe. A o tla gola sentle? A ga o nke o swaba gotlhe, fa phefo ya botlhabatsatsi e o ama? A ga o nke o swabela mo ditemeng, fa o tlhogileng teng?’ ”

Tlhaloso ya setshwantsho

11 Lefoko laMorenala ba la tla kwa go nna la re:

12 “A ko o bue le ba losika lwa dirukhutlhi o re: ‘A ga lo lemoge gore tseo di kaya eng?’ O re: ‘Bonang, kgosi ya Babele e tlile kwa Jerusalema, ya tlosa kgosi ya teng le dikgosana tsa teng, ya di isa kwa go yona kwa Babele.

13 Ya tsaya mongwe wa losika lwa bogosi, ya dira kgolagano nae, ya mmofa ka go mo ikanisa, ya tlosa ba bagolo ba lefatshe

14 gore bogosi bo nne bokoa, bo se ka jwa itsosa gape; gore bo tshegetse kgolagano ya yona, e be e tlhomame jalo.

15 Mme ene Setekia a e tsogela ka go roma barongwi ba gagwe kwa go Baegepeto gore ba mo nee dipitse le banna ba bantsi. A o tla kgona sengwe? Yo o dirileng jalo, a o tla falola? O sentse kgolagano, a o tla phologa?

16 “ ‘Morena Modimo o bua o a re: Ka bophelo jwa me! Ruri o tla swela kwa Babele mo felong ga yona kgosi e e mo dirileng kgosi, e o tlhanogetseng ikaniso ya yona, a senya kgolagano e ba e dirileng mmogo.

17 Farao ga a nke a mo thusa ka mephato e megolo ya batlhabani le ka bontsi jwa batho mo ntweng, fa baba ba kgobela mmu fa loboteng, fa ba aga dikago tsa tlhaselo go bolaya batho ba bantsi.

18 Gonne o tlhanogetse maikano ka go senya kgolagano. Kana o ne a ikanne ka go e naya letsogo, mme o dirile tsotlhe tse; ga a nke a falola.

19 “ ‘Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: Ka bophelo jwa me! Maikano a me a o a tlhanogetseng, le kgolagano ya me e o e sentseng, ke tla digela petso ya tsona mo tlhogong ya gagwe.

20 Ke tla mo tsharololela letloa la me; o tla tshwarwa ka seru sa me. Ke tla mo isa kwa Babele, ke seka nae teng ka ntlha ya go senya boikanyo ka fa a nteofetseng ka teng.

21 Batshabi botlhe ba gagwe ba mephato yotlhe ya gagwe ba tla wa ka tšhaka. Masalela a tla falalediwa kwa ntlheng tsotlhe. Lo tla itse fa e le nnaMorenake buileng jalo.

Tsholofetso ya Modimo

22 “ ‘Morena Modimo o bua jaana o a re:

“ ‘Foo ke tla kgaola kalana ka nosi

mo ntlheng ya mosetere

o o godileng, ke e tlhoma;

ke tla kgetla letlhogela

le le boleta mo dintlheng

tsa matlhogela a ona,

ke le tlhoma ka nosi

mo thabeng e kgolo e e godileng.

23 Ke tla le tlhoma mo thabeng

e kgolo ya Iseraele

gore le tlhoge dikala,

le ungwe maungo,

e nne mosetere o montle.

Dinonyane tsotlhe tsa mafofa

a mefutafuta di tla nna mo go ona,

di aga mo moriting

wa dikala tsa ona.

24 Ditlhare tsotlhe tsa naga

di tla itse gore nnaMorena

ke kokobeditse setlhare se segolo,

ka godisa setlhare se sennye;

ke omeleditse setlhare

se se metsi,

ka tlhogisa se se neng se swabile.

“ ‘NnaMorenake buile jalo; le gona ke tla dira jalo.’ ”