HESEKIELE 19

Selelo ka ga dikgosi Joahase le Joyagine le Setekia

1 “Mme wena, tlhaba mokgosi wa selelo ka ga babusi ba Iseraele

2 o re:

“ ‘Kana mmaago e ne e le tau

e namagadi mo gare ga ditau;

a botha mo gare ga ditawana,

a godisa bana ba gagwe.

3 A godisa mongwe wa bana

ba gagwe, ya nna tawana;

ya ithuta go garola

se e se tshwereng, ya ja batho.

4 Ke fa ditšhaba di e tlhabela

mokgosi go e tsoma;

tsa e tshwara ka gopo ya tsona;

tsa e isa kwa lefatsheng

la Egepeto e golegilwe.

5 Jaanong ya re mmaayo a bona

gore o letetse lefela,

mme tsholofelo ya gagwe

e nyelela,

a tsaya yo mongwe wa bana

ba gagwe, a mo dira tawana.

6 Ya itsamaela mo gare ga ditau,

ya nna tawana;

ya ithuta go garola

se e se tshwereng, ya ja batho.

7 Ya senya matlo a borena a bone,

ya fetola metse ya bone marope;

lefatshe le tsotlhe

tse di mo go lone

tsa rerega ka modumo wa yona.

8 Ke fa ditšhaba

tse di mo tikologong

di e phuthegela go e tsoma,

di tswa mo mafatsheng a tsona,

tsa e tsharololela letloa la tsona,

ya tshwarwa mo gopong

ya tsona.

9 Tsa e tsenya mo serobing

ka dikgole,

tsa e isa kwa kgosing ya Babele,

ya ya mo kgolegelong,

gore modumo wa yona

o se ka wa tlhola o utlwala

mo dithabeng tsa Iseraele.

10 E rile o tsalwa,

mmaago a tshwana le moweine

o o tlhomilweng fa metsing;

wa ungwa,

wa tlhoga dikala sentle

ka ntlha ya metsi a mantsi.

11 Wa tlhoga kala e e tiileng,

e e ka nnang tsamma ya bogosi;

ya golela kwa godimo

mo gare ga dikala;

ya itshupa ka bogolo jwa yona

le ka dikalana tsa yona.

12 Mme wa kumolwa kgalefong,

wa digelwa fa fatshe;

phefo ya botlhabatsatsi

ya o swabisa;

maungo a ona a phamolwa;

kala e e tiileng ya ona ya swaba,

ya jewa ke molelo.

13 Mme jaanong o tlhomilwe

mo sekakeng,

mo nageng e e lokgere

ya lenyora.

14 Molelo wa tswa mo kaleng

ya ona,

wa ja dikalana tsa ona

le maungo a ona;

wa bo o se na kala e e tiileng

go ka nna tsamma ya bogosi.’ ”

Ke mokgosi wa selelo, wa ba wa nna sefela sa selelo.