Mafoko a bofelo a a lebileng motse wa Jerusalema o ise o senngwe
1 Ka ngwaga wa robongweka kgwedi ya lesome ka letsatsi la lesome Lefoko laMorenala tla kwa go nna la re:
2 “Morwa-motho, ikwalele leina la letsatsi, la letsatsi lone le la kajeno. Kgosi ya Babele e tlhasetse Jerusalema ka letsatsi lone le.
3 Mme ba losika lwa dirukhutlhi ò ba bolelele setshwantsho, ò ba ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re:
“ ‘Tlhatlega pitsa, e tlhatlege;
ò be ò e tlhadie.
4 Tsenya dinama mo go yona;
dinama tsotlhe tse di bonolo
tsa dirope le tsa mabogo;
e tlatse marapo a a tlhophilweng.
5 Tsaya nku e e tlhaotsweng
ya letsomane,
o tshube dikgong fa tlase
ga pitsa.
Apaya dinama tsa yona
mmogo le marapo.’ ”
6 Ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: “A tatlhego wee ya motse wa go tsholola madi, ya pitsa e marale a leng mo go yona, e marale a sa tlogeng mo go yona. Ntsha dinama, nngwe ka nngwe fela. Ga di tlhamelwe tengwa.
7 Gonne madi a motse a sa le mo go ona; o a tshololetse mo lefikeng le le borethe; ga o a a tshololela fa fatshe, go a tshelela ka mmu.
8 Madi a o a tsholotseng ke a beile mo lefikeng le le borethe gore a se ka a bipega, mme a tsose bogale jwa me, a dirafatse pusoloso.”
9 Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: “A tatlhego wee ya motse wa go tsholola madi. Le nna ke tla kgobokanya mokoa wa dikgong.
10 Tlisa dikgong tse dintsi, o gotse molelo; budusa nama, o kgadise moro gore marapo a šwe.
11 Jaanong tlhatlega pitsa mo magaleng a teng, e se na sepe, gore e nne bolelo, kgotlho ya yona e butswe, ditshila tse di mo go yona di gakologe, morodu o nyelele.
12 Mme matsapa aotlhe ke lefela: Morodu o montsi wa yona ga o tlosiwe ka molelo. Morodu wa yona o a pala.
13 E re ka ò ikgotletse ka tiro e e tlhabisang ditlhong, le ka ke go tlhapisitse, mme wa se ka wa itsheka, ka moo ga o kitla ò tlhola ò itsheka go fitlhelela ke dirafatse bogale jwa me mo go wena.
14 Nna Morena ke buile jalo. Go e tla, ke tla dira jalo, ke sa tlhokomologe sepe, ke sa tlhomoge pelo, ke sa utlwele sepe botlhoko. Ke tla go atlhola ka fa ditirong tsa gago.”MorenaModimo o a re jalo.
Loso lwa mosadi wa moporofeti
15 Lefoko laMorenala ba la tla kwa go nna la re:
16 “Morwa-motho, bona, ke tla tlosa mosadi yo o kgatlhang matlho a gago ka loso lwa tshoganyetso. Mme ò se hutsafale, ò se lele, ò se tsholole dikeledi;
17 ò fegelwe ka tidimalo; ò se ka wa direla moswi wa gago khutsafalelo. Rwala kuane, ò be ò rwale ditlhako mo dinaong. Se ipipe ditedu. Se je bogobe jwa mogoga.”
18 Ka tsoga ka bua le morafe mo mosong, mme mantsiboana mosadi wa me a swa. Jaanong ka moso ka dira jaaka ke laetswe.
19 Ke fa batho ba mpotsa ba re: “A ga ò ka ke wa re bolelela gore tseo di re kaela eng, fa ò dira jalo?”
20 Ka ba raya ka re: “Lefoko laMorenale tsile kwa go nna la re:
21 Bolelela Baiseraele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bonang, ke tla itshepolola Felo-fa-go-Boitshepo ga me, fa e leng boikgantsho jwa thata ya lona le kgatlhego ya matlho a lona le tlhologelelo ya dipelo tsa lona. Mme bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba lo ba tlogetseng ba tla wa ka tšhaka.
22 Jaanong lo tla dira jaaka ke dirile: Ga lo nke lo ipipa ditedu, le e seng go ja bogobe jwa mogoga.
23 Lo tla bo lo rwele dikuane mo ditlhogong le ditlhako mo dinaong, lo sa hutsafale, lo sa lele, mme lo tla tlhorega ka maleo a lona, mongwe le mongwe a hutsafalela mo go yo mongwe.
24 Hesekiele o tla nna sekao mo go lona; mogang go dirafalang, lo tla dira fela jaaka a dirile. Foo lo tla itse gore ke nna Morena Modimo.’
25 “Mme wena morwa-motho, ruri, e tla re ka letsatsi le ke tlosang phemelo mo go bone le mokgabo o ba o itumelelang le kgatlhego ya matlho a bone le tlhologelelo ya dipelo tsa bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone;
26 ka letsatsi leo mofalodi o tla tla kwa go wena go di go begela.
27 Ka letsatsi leo ò tla bofologa loleme, ò bua le mofalodi, ò sa tlhole ò didimala; ò tla nna sekao mo go bone. Ba tla itse gore ke nnaMorena.”