HESEKIELE 32

Baegepeto ba tla fela ka ntwa jaaka merafe e mengwe

1 E rile ka ngwaga wa 12, ka kgwedi ya 12, ka letsatsi la ntlha Lefoko laMorenala tla kwa go nna la re:

2 “Morwa-motho, tlhaba mokgosi wa selelo ka ga Farao, kgosi ya Egepeto, ò mo ree ò re:

“ ‘Wena tawana mo ditšhabeng,

ò latlhegile!

Mme ò ne o tshwana le kwena

e kgolo lewatleng,

o budula metsi,

o kgobera metsi

ka maroo a gago,

ò gataka mo dinokeng.’

3 “Morena Modimo o bua jaana a re:

“ ‘Ke tla go tsharololela

letloa la me

ka bontsi jwa merafe e megolo,

ke go gogela kwa ntle ka lone.

4 Ke tla go latlhela mo lefatsheng,

ke go namalatsa mo nageng

e e omeletseng;

ke tla nnisa dinonyane tsotlhe

tsa loapi mo go wena,

ke kgorisa dibata tsa lefatshe

lotlhe ka wena.

5 Nama ya gago ke tla e latlhela

kwa dithabeng;

megorogoro

ke tla e tlatsa setoto sa gago.

6 Ke tla nosa lefatshe sebodu

le madi a gago

go fitlha kwa dithabeng;

melapo e tla tlala madi a gago.

7 E tla re ò swa, ke sire legodimo,

ke fifatse dinaledi,

ke khurumetse letsatsi ka maru;

le ngwedi ga o nke o ntsha

lesedi la ona.

8 Masedi otlhe a legodimo

a a sedifatsang

ke tla a fifatsa ka ntlha ya gago,

ke tlisa lefifi

mo lefatsheng la gago,’

go bua Morena Modimo.

9 “ ‘E tla re ke utlwatsa tatlhego ya gago mo ditšhabeng, ke tlaletse dipelo tsa merafe e mentsi mo mafatsheng a o sa a itseng.

10 Ke tla reregisa merafe e mentsi ka ntlha ya gago; dikgosi tsa yona di tla sisimoga thata ka ntlha ya gago, mogang ke kgadikanyang tšhaka ya me ba ntse ba lebile; ba tla tetesela ka nako yotlhe, mongwe le mongwe a boifela bophelo jwa gagwe ka letsatsi la tatlhego ya gago.’

11 “Gonne Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Tšhaka ya kgosi ya Babele e tla go rema.

12 Ke tla diga morafe wa gago ka ditšhaka tsa bagale ba ba setlhogotlhogo go feta ba ditšhaba tsotlhe. Ba tla senya tsa boikgantsho jwa Egepeto; bontsi jotlhe jwa teng bo tla nyelediwa.

13 Ke tla fedisa diruiwa tsotlhe tsa teng, ke di tlosa mo metsing a mantsi. Lekoto la motho ga le ka ke la tlhola le a kgobera; le tlhako ya seruiwa ga e nke e a kgobera.

14 Foo ke tla itshekisa metsi a bone, ke eledisa dinoka tsa bona jaaka lookwane,’ go bua Morena Modimo.

15 ‘E tla re fa ke fetola lefatshe la Egepeto sekaka, fa le senyegetswe ke tsotlhe tse di mo go lone, fa ke bolaya botlhe ba ba agileng mo go lone: Foo ba tla itse gore ke nnaMorena.

16 Sefela sa khutsafalo ke seo; a ba se opele! A bomorwadia ditšhaba ba se opele! A ba lelele Egepeto le batho botlhe ba teng ka sona,’ go bua Morena Modimo.”

Felo ga baswi

17 E rile ka ngwaga wa 12, ka letsatsi la 15 la kgwedi eo Lefoko laMorenala tla kwa go nna la re:

18 “Morwa-motho, lelela morafe wa Egepeto; bone le bomorwadia merafe e e tumileng, ò ba kgoromeletse kwa mafelong a a kwa tengteng ga lefatshe, kwa go ba ba fologetseng kwa felong ga baswi.

19 “ ‘O feta mang ka bontle?

Fologa ò namaladiwe

le ba ba sa rupang!’

20 “O tla wa mo gare ga ba ba bolailweng ka tšhaka; morafe otlhe wa gagwe o tla namalala o bapile nae.

21 Bagale ba ba dinatla ba tla bua ka ga Farao le bathusi ba gagwe mo felong ga baswi ba re: ‘Ba fologetse kwano, ba namaletse fano, bone ba ba sa rupang, ba ba bolailweng ka tšhaka.’

22 “Asiria ke yole le bontsi jotlhe jwa gagwe; diphupu tsa bone di mo tikologong ya gagwe; botlhe ba bolailwe, ba ole ka tšhaka.

23 Diphupu tsa bone di epilwe kwa mafelelelong a felo ga baswi; bontsi jotlhe jwa gagwe bo mo tikologong ya phupu ya gagwe. Botlhe ba bolailwe, ba ole ka tšhaka; ke ba ba kileng ba reregisa ba ba phelang mo lefatsheng.

24 “Elame ke yole le morafe otlhe wa gagwe, ba mo tikologong ya phupu ya gagwe. Botlhe ba bolailwe, ba ole ka tšhaka, ba fologetse kwa tengteng ga lefatshe ba sa rupa; ke ba ba kileng ba reregisa ba ba phelang mo lefatsheng. Jaanong ba rwele kgobo ya bone mmogo le ba ba fologetseng kwa felong ga baswi.

25 Ba mo aletse bolao mo gare ga ba ba bolailweng; morafe otlhe wa gagwe o mo tikologong ya phupu ya gagwe. Botlhe ke ba ba sa rupang, ba bolailwe ka tšhaka, gonne ba ne ba reregisa ba ba phelang mo lefatsheng. Jaanong ba rwele kgobo ya bone mmogo le ba ba fologetseng kwa felong ga baswi; ba namaladitswe mo gare ga ba ba bolailweng.

26 “Mesege le Thubale ke bale le bontsi jotlhe jwa bone, ba mo tikologong ya diphupu tsa bone. Botlhe ke ba ba sa rupang, ba bolailwe ka tšhaka, gonne ba ne ba reregisa ba ba phelang mo lefatsheng.

27 Ga ba a namalala le bagale ba ba oleng, ba sa rupa, ba ba fologetseng kwa felong ga baswi, ba ntse ba na le dibolai tsa ntwa, ba sameditswe tlhogo ka ditšhaka tsa bone, go bile go beilwe dithebe tsa bone mo ditotong tsa bone; gonne bagale ba ne ba boifiwa ke ba ba phelang mo lefatsheng.

28 “Le wena o tla robaganngwa, o namalala mo gare ga ba ba sa rupang mmogo le ba ba bolailweng ka tšhaka.

29 “Etomo ke yole le dikgosi tsa gagwe le dikgosana tsotlhe tsa gagwe; le fa e ne e le bagale, ba isitswe kwa go ba ba bolailweng ka tšhaka; ba namaletse le ba ba sa rupang, ba ba folegetseng kwa felong ga baswi.

30 “Dikgosana tsotlhe tsa kwa bokone ke tsele, le ba Sitone botlhe. Ba fologile mmogo le ba ba bolailweng. Le fa ba ne ba boitshega ka boganka jwa bone, ba tlhabisitswe ditlhong, ba namaletse le ba ba bolailweng ka tšhaka, ba sa rupa, ba rwele kgobo ya bone mmogo le ba ba fologetseng kwa felong ga baswi.

31 “Bona bao Farao o tla ba bona, a ikgomotsa ka ntlha ya bontsi jotlhe jwa gagwe. Farao le mephato yotlhe ya gagwe ba bolailwe ka tšhaka. Morena Modimo o buile jalo.

32 “Gonne ke mo dirile gore a reregise ba ba phelang mo lefatsheng. Ka moo o tla namaladiwa mo gare ga ba ba sa rupang, ba ba bolailweng ka tšhaka, ene Farao le batho botlhe ba gagwe. Morena Modimo o buile jalo.”