HESEKIELE 38

Gogo ke sediri sa Modimo

1 Lefoko laMorenala ba la tla kwa go nna la re:

2 “Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa go Gogo, lefatsheng la Magogo, yo e leng kgosi ya Roše le Mesege le Thubale, ò mo rerele, ò mo kgalemele

3 ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla lwa nao, wena Gogo, kgosi ya Roše le Mesege le Thubale.

4 Ke tla go golega, ke tsenya marapo mo metlhagareng ya gago, ke go bolotsa le mephato yotlhe ya gago, le dipitse le bapalami ba tsona, ba apere sentle botlhe, e le bontsi jo bogolo, ba na le dithebe le dithejana, ba tshotse ditšhaka botlhe;

5 ba na le ba Peresia le ba Ethiopia le ba Phute; botlhe ba na le dithebe le dikuane tsa ntwa,

6 le Gomere le mephato yotlhe ya gagwe, le ba losika lwa ga Thogarama ba ba kwa mafelelelong a bokone le mephato yotlhe ya gagwe. Ke merafe e mentsi e e nang nao.

7 Iketleetse, ò ipaakanye, wena le bontsi jotlhe jo bo kgobokanetseng kwa go wena; ò nne molaodi wa bone.

8 E tla re malatsi a mantsi a sena go feta, ò bolodiwe. Ka bofelo jwa dinyaga ò tla tsena mo lefatsheng le le falotseng gape mo tšhakeng kwa morafeng o o phuthilweng mo merafeng e mentsi, wa boela kwa dithabeng tsa Iseraele tse di neng di sa bolo go fetoga sekaka. O ntshitswe kwa merafeng; jaanong ba agile botlhe ba iketlile.

9 O tla bolola jaaka ledimo, ò atamela jaaka leru le le dumang, ò tla saila mo lefatsheng, wena le mephato yotlhe ya gago le merafe e mentsi e e nang nao.’

10 “Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E tla re ka letsatsi leo megopolo e tswe mo pelong ya gago; ò tla akanya dikakanyo tse di bosula

11 ò re: “Ke tla bololela lefatshe le le sa agelelwang, ke fitlha kwa go ba ba iketlileng, ba ba agileng mo thagamong; ba ba agileng botlhe, ba se na lobota, ba se na phemelo, le fa e le dikgoro,

12 gore ò thope dithoto, ò thukhuthe dilo, ò ise letsogo kwa morafeng o o phuthilweng kwa ditšhabeng o o itirelang diruiwa le khumo, o o agileng mo gare ga mpa ya lefatshe.”

13 Ba Šeba le ba Detane le barekisi ba bone le ba Tharesise le bagale ba bone ba tla go botsa ba re: “A ò tlile go thopa dithoto? A ò kgobokantse bontsi jwa gago go thukhutha dilo le go tsaya selefera le gouta le go thopa diruiwa le khumo le go thopa thopo e kgolo?” ’

14 “Ka moo, wena morwa-motho, rera ò ree Gogo ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Ruri, e tla re ka sebaka seo, fa Iseraele, morafe wa me, a ntse a iketlile, ò bolole,

15 ò tle ò tswe kwa felong ga gago kwa mafelelelong a bokone, wena le merafe e mentsi e na nao; botlhe ba palame dipitse. Ke bontsi jo bogolo, ke mephato e mentsi.

16 O tla bololela Iseraele, morafe wa me, go khurumetsa lefatshe jaaka leru. E tla re ka bofelo jwa malatsi ke go bololetse kwa lefatsheng la me gore ditšhaba di tle di nkitse, mogang ke itshupang mo go wena Gogo, ke le yo o boitshepo fa pele ga matlho a tsona.’

17 Morena Modimo o bua jaana o a re: A ga ke re, ke wena yo ke buileng ka ga gago mo metlheng ya bogologolo ka batlhanka ba me, baporofeti ba Iseraele, ba ba neng ba bolelela pele ka dingwagangwaga tsele ba re: ‘Ke tla go ba bololetsa’?

Modimo o otla Gogo

18 “Morena Modimo o bua a re: ‘E tla re ka letsatsi leo le Gogo a tlang ka lone go tlhasela naga ya Iseraele, kgalefo ya me e tuke mo teng ga me.

19 Ke buile ka lefufa le ka go tuka bogale ka re: Ruri, ka letsatsi leo go tla nna thoromo e kgolo ya lefatshe mo nageng ya Iseraele.

20 Jaanong fa pele ga me go tla roroma ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa loapi le diphologolo tsa naga le digagabi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe le batho botlhe ba ba mo lefatsheng. Dithaba di tla menolwa, makgotlho a tla wa, dipota tsotlhe di tla wela fa fatshe.

21 Ke tla mmiletsa tšhaka kwa dithabeng tsotlhe tsa me,’ go bua Morena Modimo. ‘Ba tla bolayana ka ditšhaka.

22 Ke tla mmetsa ka leroborobo le ka tshololo ya madi; ke tla nesetsa pula e e gogolang le matlapa a sefako le molelo le sebabole mo go ene le mo mephatong ya gagwe le mo merafeng e mentsi e e nang nae.

23 Ke tla itshupa ke le mogolo, ke le boitshepo; ke tla ikitsise fa pele ga matlho a ditšhaba tse dintsi gore di tle di lemoge, fa ke leMorena.’