HESEKIELE 39

Gogo o a nyelediwa

1 “Wena morwa-motho, rerela Gogo, mmolelele petso pele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bona, ke tla lwa nao, wena Gogo, kgosi ya Roše le Mesege le Thubale.

2 Ke tla go oka, ke go goga, ke go bolotsa kwa mafelelelong a bokone, ke go isa kwa dithabeng tsa Iseraele.

3 Ke tla phaila bora jwa gago mo seatleng sa gago sa molema; ke diga metsu ya gago mo seatleng sa gago se se jang.

4 O tla wa mo dithabeng tsa Iseraele, wena le mephato yotlhe ya gago le merafe e e nang nao. Ke tla go dira dijo tsa dinonyane tse di mefutafuta tse di gagolang le tsa dibata tsa naga.

5 O tla namalala mo nageng, gonne ke buile jalo,’ go bua Morena Modimo.

6 ‘Ke tla latlhela molelo kwa go Magogo le kwa go ba ba agileng fa lewatleng ba iketlile gore ba itse, fa ke leMorena.

7 Leina la me le le boitshepo ke tla le itsise mo morafeng wa me wa Iseraele, ke sa tlhole ke leseletsa leina la me le le boitshepo go itshepololwa. Ditšhaba di tla itse jalo, fa ke leMorenayo o boitshepo mo go Iseraele.

8 “ ‘Bonang, go e tla, go a dirafala,’ go bua Morena Modimo. ‘Ke lone letsatsi le ke buileng ka ga lone.

9 Baagi ba metse ya Iseraele ba tla tswela kwa ntle, ba gotsa molelo, ba o sotetsa ka dibolai ka thejana le thebe le bora le metsu le molamu le lerumo. Ba tla besa molelo ka tsona sebaka sa dinyaga di supa.

10 Ga ba nke ba rwalela dikgong mo nageng le e seng go di rema mo dikgweng; gonne ba tla gotsa molelo ka dibolai. Ba tla thopa tsa bathopi ba bone, ba thukhutha tsa bathukhuthi ba bone,’ go bua Morena Modimo.

Phitlho ya ga Gogo

11 “ ‘E tla re ka letsatsi leo ke neele Gogo felo ga mabitla mo lefatsheng la Iseraele, e leng mogorogoro wa baeti ntlheng ya botlhabatsatsi ya lewatle la letswai; mabitla a tla thibela baeti. Gogo le bontsi jotlhe jwa gagwe ba tla fitlhwa teng, go bidiwa “Mogorogoro wa makoko a ga Gogo”.

12 Baiseraele ba tla nna ba ba fitlha dikgwedi tse supa gore ba itshekise lefatshe.

13 Batho botlhe ba lefatshe leo ba tla ba fitlha. E tla nna tlotlo mo go bone Baiseraele ka letsatsi le ke tla ikgalaletsang ka lone,’ go bua Morena Modimo.

14 ‘Go tla tlhophiwa banna ba ba tla nnang ba ralala naga, ba fitlha ba ba sa ntseng ba namaletse mo nageng go e itshekisa. Ba tla batla ditoto, fa dikgwedi di supa di sena go feta.

15 Jaanong baraladi bao ba tla ralala lefatshe, mme fa mongwe a bona marapo a motho, o tla tlhoma sesupo fa go ona, go tsamaya bafitlhi ba mo fitlhe kwa “Mogorogorong wa makoko a ga Gogo”.

16 E bile “Makoko” e tla nna leina la motse mongwe. Ba tla itshekisa lefatshe jalo.’

17 “Wena morwa-motho, Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Raya dinonyane tsa mefutafuta le dibata tsa naga ò re: Phuthegang, lo tle, tswayang mo ntlheng tsotlhe, lo kgobokanele setlhabelo sa me se ke se lo tlhabelang. Ke setlhabelo se segolo mo dithabeng tsa Iseraele; jaang nama, lo nwe madi!

18 Jaang nama ya bagale, lo nwe madi a dikgosi tsa lefatshe. Botlhe ke diphelehu le dikwana le diphoko le dipoo tse di nonneng tsa kwa Basane.

19 Lo tla ja mafura lo kgora; lo tla nwa madi lo tlhapelwa, e le tsa setlhabelo sa me se ke se lo tlhabetseng.

20 Lo tla kgora dipitse le bapalami le bagale le batlhabani ba mefutafuta mo lojelong lwa me,’ go bua Morena Modimo.

Baiseraele ba tla boela gae

21 “Ke tla bonatsa kgalalelo ya me mo ditšhabeng; ditšhaba tsotlhe di tla bona katlholo ya me e ke e dirafaditseng le letsogo la me le ke le beileng mo go ba Gogo.

22 Mme Baiseraele ba tla lemoga, fa ke leMorena, Modimo wa bone, go tloga ka letsatsi leo go ya kwa pele.

23 Ditšhaba tsona di tla lemoga gore Baiseraele ba isitswe mo botshwarong ka ntlha ya maleo a bone fela. E re ka ba ikepile mo go nna, ka ba iphitlhela, ka ba neela mo thateng ya baba ba bone, ba wa ka tšhaka botlhe.

24 Ke ba diretse tse di tshwanetseng boitshekologo jwa bone le ditlolo tsa bone, ka ba fitlhela sefatlhego sa me.

25 “Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Jaanong ke tla fetola tatlhego ya ga Jakobe, ke tlhomogela Baiseraele botlhe pelo, ke emela leina la me le le boitshepo ka lefufa.

26 E tla re ba ntse gape mo nageng ya bone ba iketlile, go se na yo o ba tshosang, ba lebale kgobo ya bone le boikanyologo jotlhe jwa bone jo ba ikepileng mo go nna ka jona.

27 E tla re ke ba busa mo merafeng, ke ba phutha, ke ba ntsha mo mafatsheng a baba ba bone, ke itshupe mo go bone ke le boitshepo fa pele ga matlho a ditšhaba tse dintsi.

28 Baiseraele ba tla itse, fa ke leMorena, Modimo wa bone, ka tiro ya me ya go ba isa mo botshwarong kwa ditšhabeng le ka go ba phuthela gape mo nageng ya bone, ke sa tlhole ke sadisa ope wa bone teng.

29 Le gona ga nkitla ke tlhola ke ba fitlhela sefatlhego sa me, gonne ke goromeleditse Mowa wa me mo Baiseraeleng,’ go bua Morena Modimo.”