HESEKIELE 46

Setlhabelo sa kgosi

1 “Morena Modimo o bua jaana a re: ‘Kgoro ya lelapa la ka fa teng e e lebileng kwa botlhabatsatsi a e nne e tswetswe ka malatsi a marataro a go dira, mme e bulwe ka letsatsi la Sabata le ka letsatsi la ngwedi o o rogilweng.

2 Jaanong a kgosi e tsene mo go yona ka tsela ya leobo, e tswa kwa ntle, e eme fa sesaneng sa kgoro. Baperesiti ba dire setlhabelo sa yona sa phiso le ditlhabelo tsa yona tsa tebogo; yona e obamele fa serepoding sa kgoro, e be e tswe. Mme kgoro e se ka ya tswalwa go fitlha mantsiboa.

3 Le batho ba lefatshe a ba obamele fa mojakong wa kgoro eo fa pele gaMorenaka boSabata le ka malatsi a ngwedi o o rogilweng.

4 “ ‘Setlhabelo sa phiso se kgosi e tshwanetseng go se isetsaMorenaka letsatsi la Sabata ke sa dikwana di le thataro tse di se nang bogole le sa phelehu e e se nang bogole.

5 Tshupelo ya bupe e nne jwa efa mmogo le phelehu; dikwana di okediwe ka tshupelo ya bupe ka fa kgosi e nonofileng ka teng. Le gona e tshele hina ya lookwane mo efeng ya bupe.

6 Mme ka letsatsi la ngwedi o o rogilweng a e nne setlhabelo sa poana e e se nang bogole le sa dikwana di le thataro le sa phelehu tse di itekanetseng.

7 A e baakanye tshupelo ya bupe jwa efa mmogo le poana le jwa efa mmogo le phelehu; e bo okeletse dikwana ka fa e kgonang ka teng. Le gona e tshele hina ya lookwane mo efeng ya bupe.

8 Fa kgosi e tsena, a e tsene ka tsela ya leobo la kgoro, e be e tswe gape ka tsela eo ya yona.

9 “ ‘Jaanong fa batho ba lefatshe ba tla fa pele gaMorenaka meletlo, a ba ba tsenang ka kgoro ya bokone go obamela ba tswe ka kgoro ya borwa; ba ba tsenang ka kgoro ya borwa, a ba tswe ka kgoro ya bokone. Ga ba a tshwanela go boa ka kgoro e ba tsenyeng ka yona, mme a ba tswe ka kgoro e ba lebileng kwa go yona.

10 A e re ba tsena, kgosi e tsene nabo, e le mo gare ga bone; e re ba tswa, e tswe nabo.

11 Mme ka malatsi a meletlo le a go phuthega a tshupelo ya bupe e nne jwa efa mmogo le poana le jwa efa mmogo le phelehu, mme dikwana a di okediwe ka bupe ka fa kgosi e nonofileng ka teng. Le gona e tshele hina ya lookwane mo efeng ya bupe.

12 “ ‘Mme a e re fa kgosi e direlaMorenasetlhabelo sa phiso ka boyona gongwe ditlhabelo tsa tebogo ka boyona, a e bulelwe kgoro e e lebileng kwa botlhabatsatsi, e tlise setlhabelo sa phiso sa yona le tsa tebogo tsa yona, jaaka e dira ka letsatsi la Sabata, e be e tswe gape. Fa e sena go tswa, a kgoro e tswalwe.

Setlhabelo sa letsatsi le letsatsi

13 “ ‘A kgosi e direleMorenasetlhabelo sa phiso sa kwana ya ngwaga o le mongwe e e se nang bogole ka letsatsi lengwe le lengwe, a e se mo direle mo mosong mongwe le mongwe.

14 Le gona a e se oketse ka tshupelo ya bupe mo mosong mongwe le mongwe: E nne karolo ya borataro ya efa ya bupe, le karolo ya boraro ya hina ya lookwane gore lo kolobise bupe, e le tshupelo ya dijo yaMorena. Ke ona molao wa setlhabelo sa metlha yotlhe.

15 A go baakanngwe jalo kwana mmogo le tshupelo ya bupe le lookwane mo mosong mongwe le mongwe. Ke sona setlhabelo sa phiso sa metlha yotlhe.’

Ka ga naga ya kgosi

16 “Morena Modimo o bua jaana a re: ‘Fa kgosi e naya mongwe wa bomorwaa-yona mpho ya naga ya yona, yona e tla nnela ruri ya bomorwaa-yona; ke boswa jo ba bo ruisang.

17 Mme fa e naya mongwe wa batlhanka ba yona mpho ya naga ya yona, e tla nna ya gagwe fela go fitlha ngwageng wa kgololo. Morago e nne ya kgosi gape. Ke naga ya bomorwaa-yona fela e e tla nnang ya bone e le boswa.

18 A kgosi e se ka ya tsaya sepe sa naga ya batho ka go ba leleka ka thata mo bosweng jwa bone. A e jese bomorwaa-yona boswa jwa naga ya yona, mme go se ka ga lelekwa ope wa morafe wa me mo kabelong ya naga ya gagwe.’ ”

Boapeelo jwa Tempele

19 Ke fa a ntsenya ka botseno jo bo fa lotlhakoreng lwa kgoro, a nkisa kwa matlwaneng a a boitshepo a baperesiti a a lebileng kwa bokone, ka fitlhela felo teng fa go kwa moragorago ntlheng ya bophirimatsatsi.

20 A nthaya a re: “Ke gona felo fa baperesiti ba apeelang ditlhabelo tsa molato le tsa boleo teng; ke fa ba besang ditshupelo tsa bupe gore ba se ka ba di ntshetsa kwa lapeng la ka fa ntle, ba tloga ba itshepisa morafe.”

21 A ba a nkisa kwa lapeng la ka fa ntle, a mphetisetsa pele kwa dikhutlong tse nne tsa lelapa leo, ka fitlhela go le lelapana gape mo sekhutlong sengwe le sengwe sa lelapa leo.

22 Mo dikhutlong tse nne tsa lelapa leo go ne go le malapana a a ageletsweng, a le boleele jwa mabogo a le 40 le boatlhamo jwa mabogo a le 30. Malapana ao a dikhutlo a ne a lekalekana fela ka bone jwa ona.

23 A ne a ageletswe ka dipota ka bone jwa ona. Go ne go dirilwe maiso fa fatshe go bapa le dipota tseo mo tikologong.

24 A ba a nthaya a re: “Ke ona matlo a a apeelang, fa badiredi ba Ntlo ba apeelang teng ditlhabelo tse di jewang tsa batho.”