HOSEA 14

Modimo o itshwarela ba ba tlhabologang

1 Iseraele, tlhabologela kwaMoreneng, Modimo wa gago, gonne o ole ka tshiamololo ya gago.

2 Tsamayang ka mafoko, lo boele kwaMoreneng, lo mo ree lo re: “Re itshwarele molato otlhe gore re amogele se se molemo! Mme re tla leboga ka melomo ya rona boemong jwa ditlhabelo.

3 Asiria ga a na go re thusa; ga re nke re palama dipitse, ga re tlhole re bitsa tiro ya diatla tsa rona modimo wa rona; gonne lesiela le bona kutlwelo-botlhoko mo go wena.”

Morena o solofetsa Baiseraele botshelo jo bošwa

4 “Ke tla fodisa boikepo jwa bona,

ke ba rata ka pelotshweu;

gonne bogale jwa me

bo boile mo go bona.

5 Ke tla nna mo Iseraeleng

jaaka monyo,

o tla thunya jaaka sešeše,

a nama medi jaaka Lebanone.

6 Matlhogela a gagwe

a tla ntsifala;

bontle jwa gagwe bo tla nna

jaaka jwa setlhare sa olefa,

monko wa gagwe

o tshwana le wa Lebanone.

7 Ba ba nnang mo moriting

wa sona

ba tla boa ba lema mabele,

ba tlhoga jaaka setlhare

sa moweine

se se tumileng jaaka weine

ya Lebanone.

8 Eferaime o ka tlhola a dira eng

ka medimo ya diseto?

Nna ke mo utlwile,

ke tla nna ke mo tlhokomela.

Ke tla nna jaaka setlhare

sa mosiperese se setala.

Maungo a gago

a tla tswa mo go nna.”

Khutliso

9 Yo o botlhale a a tlhaloganye dilo tse! Yo o tlhalefileng a a di itse. Gonne ditsela tsaMorenadi tlhamaletse. Basiami ba tla tsamaya mo go tsona, mme baikepi ba kgotšwa mo go tsona.