Tumediso
1 Nna Jakobo, motlhanka wa Modimo le wa Morena Jesu Keresete, ke kwalela ditso tse di 12 tse di faletseng. Dumelang!
Diteko le dithaelo
2 Ba ga etsho, e re fa lo wela mo ditekong tsa mefutafuta, lo di kaye boitumelo fela,
3 ka lo itse gore go lekwa ga tumelo ya lona go tsosa tlhomamo.
4 Mme tlhomamo e tshwanetse go nna le tiro e e tletseng gore lo nne botlalo, lo itekanele, lo se tlhaele mo go sepe.
5 Mme fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a bo kope mo Modimong o o nayang mongwe le mongwe ka boitumelo, o sa nyatse, mme o tla bo newa.
6 Mme a a kope ka tumelo, a sa belaele sepe; gonne yo o belaelang o tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo, le rutlarutlwa.
7 Kana motho yoo a se ka a itlhoma gore o tla amogela sengwe mo Moreneng,
8 ka e le monna yo o pelo-pedi yo o akgaakgegang mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe.
9 Mme mokaulengwe yo o kwa tlase a a ipoke ka bogolo jwa gagwe.
10 Yo o humileng ene a a ipoke ka bobotlana jwa gagwe; gonne o tla nyelela jaaka sethunya sa bojang.
11 Gonne e a re letsatsi le tlhaba ka mogote o o fisang, le swabise bojang, mme sethunya sa jona se tlhotlhorege, bontle jwa sebopego sa sona bo nyelele: Mohumi le ene o tla nyelela jalo mo metsamaong ya gagwe.
12 Go sego monna yo o itshokelang diteko; gonne e tla re a sena go bonwa a fentse diteko, a amogele serwalo sa bophelo se Morena o se solofeditseng bone ba ba mo ratang.
13 A go se nne ope yo e reng a raelwa a re: “Ke raelwa ke Modimo.” Gonne Modimo ga o ka ke wa raelwa ke bosula, mme ona ka osi ga o raele ope.
14 Mme mongwe le mongwe o a raelwa, fa a gogwa gongwe a okwa ke keletso ya gagwe.
15 Morago e re keletso e sena go nemera, e tsale boleo; boleo jone e re bo sena go tlala, bo tsale loso.
16 Ba ga etsho ba ba rategang, lo se ka lwa timela!
17 Neo nngwe le nngwe e e molemo le mpho nngwe le nngwe e e tletseng e tswa kwa godimo, e fologa kwa go Rra-masedi yo go se nang phetogo epe mo go ene, le e seng kamogano ya bosigo le motshegare.
18 O re tsetse ka fa go rateng ga gagwe ka lefoko la boammaaruri gore re nne mangwe a mabutswapele a dibopiwa tsa gagwe.
Badiri ba Lefoko
19 Ka moo, ba ga etsho ba ba rategang, a motho mongwe le mongwe a akofe go utlwa, a iketle go bua, a iketle go galefa.
20 Gonne bogale jwa motho ga bo dirafatse tse di siameng fa pele ga Modimo.
21 Ka moo latlhang maswe tlhe le bosula jo bo setseng, lo amogele ka bonolo Lefoko le le tlhomilweng mo go lona, le le nonofileng go pholosa mewa ya lona.
22 Mme lo nne badiri ba Lefoko, e seng bautlwi fela, lwa tloga lwa itsietsa.
23 Gonne fa mongwe e le moutlwi wa Lefoko, e se modiri, yoo o tshwana le monna yo o iponang sefatlhego sa tlholego mo seiponing;
24 gonne e a re a sena go ipona, a tsamae, a lebale ka pele ka fa a ntseng ka teng.
25 Mme yo o lebileng mo teng ga molao o o itekanetseng wa kgololesego, a bile a tsweletse jalo, e se moutlwi yo o lebalang, mme e le modiri wa tiro, yoo o tla nna sego mo go direng ga gagwe.
26 Mme fa mongwe a itlhoma a direla Modimo, a ntse a sa thibele loleme lwa gagwe, mme a tsietsa pelo ya gagwe, tirelo-Modimo ya motho yoo ke ya lefela.
27 Tirelo-Modimo e e itshekileng e e se nang sebala fa pele ga Modimo Rara ke ya go lekola dikhutsana le batlholagadi mo matshwenyegong a bone, le go ipoloka ka bophepa mo lefatsheng.