Go lwantsha puso ya dikgatlhego
1 Dintwa di tswa kae, le dikganetsanyo di tswa kae mo go lona? A ga di tswe gona mo dikeletsong tsa lona tse di bosula tse di lwang mo ditokololong tsa lona?
2 Lo a eletsa, mme lo a tlhoka; lo a bolaya, lo fufege, mme ga lo ka ke lwa amogela sepe; lo tsose kgang, lo lwe, mme lo a tlhoka, ka lo sa rapele.
3 Lo a rapela, mme ga lo amogele sepe, ka gonne lo rapela ka mokgwa o o bosula, gore lo tle lo senye dilo ka bofafalele mo dikgatlhegong tsa lona.
4 Banna le basadi ba lo senyang nyalano! A ga lo itse gore go tsalana le lefatshe ke go nna mmaba wa Modimo? Kana yo o ratang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.
5 A kampo lo gopola gore Lokwalo lo buela lefela, fa lo re: “Modimo o tlhologeletswe mowa o o o tsentseng mo go rona ka lefufa”?
6 Mme o naya boitshwarelo jo bogolo bogolo; ke ka moo o buang o re: “Modimo o ganetsa baikgodisi, mme baikokobetsi o ba naya bopelotlhomogi.”
7 Ka moo, ikokobeletseng Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla tshaba mo go lona.
8 Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela. Tlhapang diatla, lona baleofi, lo itshepise dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi.
9 Utlwang botlhoko, lo hutsafale, lo lele. A go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo bo fetoge maswabi.
10 Ikokobetseng fa pele ga Morena, mme o tla lo godisa.
11 Ba ga etsho, lo se ka lwa kgobana. Yo o kgobang mokaulengwe wa gagwe gongwe a mo sekisa, o kgoba molao, e bile o sekisa molao. Mme fa wena o sekisa molao, o tla bo o se modirisi wa molao, mme o le mosekisi wa one.
12 Motlhomi wa molao le moatlhodi ke a le mongwe fela yo o nonofileng go pholosa le go latlha. Mme wena o mang, yo o sekisang mongwe-ka-wena?
Gosaitsiweng ga bofelo jwa motho
13 Jaanong lona ba lo reng: “Kajeno gongwe kamoso re tla ya kwa motseng wa bolebelebe, re dika ngwaga teng, re rekisa, re bapala.”
14 Lona ba lo sa itseng tsa kamoso, botshelo jwa lona ke eng? Kana lo mouwane fela o o a tleng o bonale ka sebakanyana fela, o tloge, o nyelele.
15 Etswe lo ka bo lo re: “Fa Morena a rata, re tla phela, re dira se kampo se.”
16 Mme jaanong lo ipelafatsa ka maikgantsho a lona. Boipelafatso bongwe le bongwe jo bo ntseng jalo bo bosula.
17 Jaanong yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, o a leofa.