Modimo wa boammaaruri le medimo ya boithamako
1 Lona Baiseraele, utlwang lefoko leMorenaa le buang le lona!
2 Morenao buile jaana a re:
“Se itlwaetseng mokgwa
wa baheitane;
se tshogeng ditshupo
tsa legodimo,
le fa baheitane ba di tshoga!
3 Gonne dithulaganyo tsa merafe
ke boithamako fela,
ka ba rema setlhare
mo sekgweng go dira modimo.
Ke selo se diatla tsa setswerere
di se dirang ka selepe.
4 Ba se kgabisa ka selefera
le gouta;
ba se kokotela ka dimapo le noto
gore se se ka sa reketla.
5 Medimo e, e tshwana le setshosa
se se mo tshimong ya diphare;
ga e itse go bua.
Ee, e na le go rwalwa,
ka e sa itse go tsamaya.
Se e boifeng,
gonne ga e itse go lo senyetsa;
le gona ga e itse
go direla ope molemo.”
6 Ga go na ope yo o tshwanang
nao,Morena;
o mogolo, le leina la gago
le legolo ka bonatla.
7 Ke mang yo o sa tshwanelang
go go boifa,
wena kgosi ya ditšhaba?
Kana ke se se go tshwanetseng!
Gonne mo matlhaleng otlhe
a ditšhaba
le mo dipusong tsotlhe tsa tsona
ga go na ope yo o tshwanang nao.
8 Mme botlhe bao ke dieleele fela
tse di silofetseng.
Ke yona thuto ya medimo e sele,
e e leng dikota fela.
9 Selefera e e papetlilweng
ba e tsere kwa Tharesise,
le gouta kwa Ufase.
Medimo ke tiro ya setswerere
le ya diatla tsa mogakolosi.
Masela a mabududu
le a mahibidu
ke diaparo tsa yona.
Yotlhe ke tiro ya batlhalefi fela.
10 MmeMorenake Modimo
wa boammaaruri;
ke Modimo o o phelang,
ke kgosi e e sa khutleng.
Lefatshe le roroma
ka ntlha ya bogale jwa gagwe.
Ditšhaba di palelwa
ke go itshokela kgalefo ya gagwe.
11 Buang jaana ka ga yona lo re: “Medimo e e sa dirang legodimo le lefatshe e tla nyelela e tswa mo lefatsheng le fa tlase ga legodimo leno.”
Sefela sa pako ya Modimo
12 KeMorenayo o dirileng
lefatshe ka thata ya gagwe,
a le tlhomamisa ka botlhale
jwa gagwe;
le gona o tsharolotse legodimo
ka tlhaloganyo ya gagwe.
13 Fa a utlwatsa kodu ya gagwe,
metsi a suma kwa legodimong;
o tlhatlosa mouwane
kwa dikhutlong tsa lefatshe,
a direla pula dikgadima,
a fokisa phefo e tswa
mo dipolokelong tsa gagwe.
14 Motho mongwe le mongwe
o silofetse, ga a na kitso;
mothudi wa gouta mongwe
le mongwe modimo wa seseto
o mo tlhabisa ditlhong.
Gonne ditshwantsho
tse a di bopileng ke maaka fela;
ga di na mowa mo go tsona.
15 Ke medimo ya boithamako fela,
ke tiro e e sotlegang;
e nyelela ka sebaka
se e sekisiwang ka sona.
16 Mme yo e leng kabelo ya ga
Jakobe ga a tshwane le yona;
gonne ke ene yo o bopileng
dilo tsotlhe,
mme Iseraele ke lotso
lo e leng boswa jwa gagwe.
Morenawa masomosomo
ke lona leina la gagwe.
Botshwaro jo bo gaufi bo a begwa
17 Tsaya dithoto tsa gago fa fatshe, o di rwale, wena Sione yo o dikanyeditsweng ke ntwa!
18 GonneMorenao bua jaana a re: “Bonang, ka nako e ke tla latlhela baagi ba lefatshe kwa kgakala jaaka go konopiwa ka seragamajwe; ke ba isa mo tlalelong gore ba tle ba ipone.”
19 A tatlhego ya me wee ka ntlha
ya kotlo e ke otlilweng ka yona!
Ntho ya me ke e e sa foleng.
Mme nna ke ne ka re:
“Ke bolwetse fela
jo nka bo itshokelang.”
20 Tente ya me e sentswe,
dithapo tsotlhe tsa me
di kgaotswe.
Bomorwaake ba tlogile
mo go nna, ga ba yo.
Ga go na ope yo o tsosang
tente ya me gape,
yo o tsharololang masela
a yona.
21 Gonne badisa e ne e le dieleele,
ba sa batleMorena.
Ka moo ba ne ba tlhoka
tswelelopele,
mme letsomane lotlhe la bone
la faladiwa.
22 Utlwelelang! Go utlwala eng?
Go tla loratla lo logolo,
lo tswa mo lefatsheng la bokone,
e le go fetola metse ya Juta
marope
le dikutla tsa diphokojwe.
23 Morena, ke itse gore tsela
ya motho ga e laolwe ke ene,
le gore moeti ga a kgone go laola
dikgato tsa gagwe.
24 Nkotle,Morena!
Fela a e nne ka tekanyo,
e seng ka fa bogaleng jwa gago,
e se re gongwe o mpolaela ruri.
25 Baheitane ba ba sa go itseng
le ditshika tse di sa bitseng
leina la gago
di goromeletse bogale jwa gago!
Gonne di jele Jakobe,
tsa mo ja, tsa mo fetsa,
tsa ntsha meago ya gagwe
marope.