JEREMIA 12

Ke ka ntlhaang, fa baikepi ba bona letlhogonolo?

1 Morena,

o tshiamo fa ke seka nao.

Fela ke batla go go botsa

kgang ya tsheko ke re:

Ke ka ntlhaang, fa tsela

ya baikepi e le letlhogonolo?

Fa botlhe ba ba dirang

ka bolotsana ba phela ba iketlile?

2 O ba tlhomile,

ba bile ba namile medi;

ba a gola,

le gona ba ungwa maungo.

O gaufi mo melomong ya bone,

mme o kgakala

le dipelo tsa bone.

3 Mme wenaMorena, o a nkitse,

o a mpona;

o tlhatlhoba pelo ya me

gore e go lebile jang. –

Ba swatolele kwa tlhabong

jaaka dinku!

Ba tlhaolele letsatsi la polao!

4 Lefatshe le tla hutsafala

le morogo wa naga yotlhe

o tla omelela go fitlha leng?

Diphedi le dinonyane di nyelela

ka ntlha ya bokgopo

jwa ba ba agileng mo go lone.

Gonne ba re:

“Ga a kitla a bona

bokhutlo jwa rona.”

5 Morenaa mo araba a re:

“Fa o siana le ba ba tsamayang

ka maoto, ba a go lapisa.

Jaanong o ka phadisanya jang

le dipitse?

Fa o sa iketle

mo lefatsheng la kagiso,

o tla dira eng mo sekgweng

se segolo sa Joretane?

6 Ee, bomorwa-rraago

le ba ntlo ya ga rraago le bone

ba go diretse ka bolotsana.

Le bone ba a go kgoba,

o sena go ba hularela.

O se ka wa ba ikanya,

le fa ba bua tse di molemo nao!”

Selelo sa Modimo

7 “Ke tlogetse Ntlo ya me,

ka tlhoboga boswa jwa me;

moratiwa wa mowa wa me

ka mo neela mo diatleng

tsa baba ba gagwe.

8 Boswa jwa me

bo mphetogetse tau

e e mo sekgweng e e mpôpelang;

ka moo ka bo tlhoa.

9 A boswa jwa me ke morubisi

o o mebalabala

o bomankgodi ba o tlhaselang

go tswa ntlheng tsotlhe?

Tlayang lo kgobokanye

dibata tsotlhe tsa naga!

A di tle dijong!

10 Badisaba bantsi ba sentse

tshimo ya me ya moweine;

ba gatakile boswa jwa me,

ba tubaka tshimo

e ke e itumelelang;

11 ba e fetola sekaka.

E a nkhutsafalela e le senya.

Lefatshe lotlhe

le ntshitswe sekaka,

gonne ga go na ope

yo o tsibogang pelo.

12 Basenyi ba fitlhile

mo dithabaneng tsotlhe

se di iphotlhereng tsa naga.

Gonne tšhaka yaMorena

e ntse e ja lefatshe lotlhe,

go tswa mo ntlheng e nngwe

go ya mo ntlheng e nngwe,

go se na motho ope

yo o leng mo kagisong.

13 Ba jwetse mabele,

ba roba mitlwa.

Ba itapisitse,

mme go sa ba thuse sepe.

Tlhajwang ke ditlhong ka kotulo

ya lona ka ntlha ya bogale

jo bo tukang jwaMorena.”

Mafoko a Modimo ka ga merafe e e bapileng le Baiseraele

14 Morenao buile jaana a re: “Merafe yotlhe e e bapileng le nna e e bosula e e amang boswa jo ke bo abetseng Iseraele, morafe wa me, bonang, ke tla e kumola mo dinageng tsa yona, le Bajuta ke tla ba kumola mo gare ga yona.

15 Mme e tla re ke sena go e kumola, ke e tlhomogele pelo gape, ke e busetse, mongwe le mongwe kwa bosweng jwa ona le mongwe le mongwe kwa lefatsheng la ona.

16 Mme e tla re fa ba ithuta ditsela tsa morafe wa me tota gore ba ikane ka leina la me ba re: ‘Ka bophelo jwaMorena!’ jaaka ba rutile morafe wa me go ikana ka Baale, foo ba tla agisiwa mo gare ga morafe wa me.

17 Mme fa ba gana go utlwa, morafe o o ntseng jalo ke tla o kumolela ruri, ke o nyeletsa.”Morenao buile jalo.