JEREMIA 13

Moitlamo o tshwantsha botshwaro jwa Bajuta

1 Morenao ntheile jaana a re: “Yaa o ithekele moitlamo wa lesela, o itlame letheka ka ona, mme o se ka wa o tsenya mo metsing!”

2 Ka ya ka reka moitlamo ka fa Lefokong laMorena, ka itlama letheka.

3 Lefoko laMorenala ba la tla kwa go nna la bobedi la re:

4 “Tsaya moitlamo o ò o rekileng o o mo lethekeng la gago, ò nanoge ò ye kwa nokeng ya Ferathe, ò o fitlhe teng mo lofarong lwa mafika.”

5 Ka ya ka o fitlha kwa Ferathe, jaakaMorenaa ntaetse.

6 Jaanong ya re malatsi a mantsi a sena go feta,Morenaa nthaya a re: “Nanoga o ye kwa nokeng ya Ferathe, o tsee moitlamo teng o ke neng ke go laetse go o fitlha gona.”

7 Ka ya kwa nokeng ya Ferathe, ka epolola moitlamo, ka o tsaya felong fa ke neng ke o fitlhile teng, ka fitlhela moitlamo o senyegile, o se na mosola ope.

8 Ke fa Lefoko laMorenale tla kwa go nna le re:

9 “Morenao bua jaana a re: ‘Ke tla senya boikgodiso jwa Juta le boikgantsho jo bogolo jwa Jerusalema fela jalo.

10 Batho ba ba bosula ba, ba ba ganang go utlwa lefoko la me, ba ba sepelang ka bopeloethata jwa bone, ba latela medimo e sele, ba e direla, ba e obamela – ba tla nna jaaka moitlamo o, o o se nang mosola ope.

11 Gonne ke ne ke ngapareditse Baiseraele botlhe le Bajuta botlhe mo go nna, jaaka moitlamo o ngaparela mo lethekeng la monna,’ go buaMorena, ‘gore e nne morafe wa me, e nne tumiso le pako le kgalalelo mo go nna, mme ba ganne go utlwa.’

Ka ga meduto ya weine

12 “Le gona bua lefoko le nabo o re: ‘Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Meduto yotlhe e tladiwa weine.’ – Jaanong ba tla go raya ba re: ‘Kana re a itse, fa meduto yotlhe e tladiwa weine!’

13 Mme o ba fetole o re: ‘Morenao bua jaana a re: Bonang, ke tla tlatsa baagi botlhe ba lefatshe le, le dikgosi tse di ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita le baperesiti le baporofeti le baagi botlhe ba Jerusalema botagwa.

14 Mme ke tla ba phatlakanya, mongwe ka yo mongwe, borra-bana le bomorwaa-bone mmogo. Ke tla ba senya, ke sa ba utlwele botlhoko, ke sa ba rekegele, ke sa ba tlhomogele pelo.’ ”

15 Utlwang, lo sekege ditsebe,

mme lo se ka lwa ikgantsha,

gonneMorenao buile jalo.

16 NeelangMorena,

Modimo wa lona, tlotlo,

a ise a tlise lefifi;

dinao tsa lona di ise di kgotšwe

mo dithabeng ka lotlatlana.

Foo lo tla lebelela lesedi,

mme o le fetola moriti wa loso,

o le dira lefifi le legolo.

17 Mme fa lo sa utlwe mafoko a,

mowa wa me o tla lelela

mo sephiring

ka ntlha ya boikgodiso jwa lona;

leitlho la me le tla lela

mo go botlhoko, le ela dikeledi,

ka letsomane laMorena

le isiwa mo botshwarong.

18 Raya kgosi le mma-kgosi o re: “Fologang, lo nneng fa fatshe, gonne serwalo se sentlentle sa lona sa bogosi se wele mo ditlhogong tsa lona.

19 Metse ya borwa e tswetswe, ga go na yo o e bulang. Juta yotlhe o isitswe mo botshwarong, ba botlhe ba thopilwe.”

20 Jerusalema, tsholetsa matlho, o bone ba ba tswang kwa ntlheng ya bokone! Motlhape o ò o filweng o kae? Letsomane le lentle la gago le kae?

21 O tla reng, fa a ba dira barena ba gago ba ò ba tlwaeditseng go nna ditsala tsa gago? A ga ke re, metlotsedi e tla go tshwara jaaka mosadi yo o belegang?

22 Mme fa o ka ipotsa mo pelong o a re: “Ke ka ntlhaang, fa ke dirafaletswe ke tseo?” Ke ka ntlha ya molato o mogolo wa gago, fa o apotswe mosese, fa o gateletswe direthe.

23 A Moethiopia o ka iphetola mmala, gongwe a nkwe e ka fetola mebalabala ya yona? Fa go re ee, foo le lona ba lo tlwaetseng go senya, lo tla itse go dira tse di molemo.

24 Ka moo ke tla ba falatsa jaaka moko o o gogolwang ke phefo ya sekaka.

25 Ke jona boswa jwa gago; ke yona kabelo e ò e lekanyeditsweng ke nna. Go buaMorena. Gonne o ne o ntebetse, o ikantse maaka.

26 Le nna ke go apola mosese, ke go bipa sefatlhego ka ona gore go bonale ditlhong tsa gago,

27 ke raya tshenyo ya nyalo ya gago le go kua ga gago jaaka pitse e e ikatakang, le boaka jwa gago jo bo tlhabisang ditlhong. Ke bonye maila a gago mo dithabaneng le mo nageng. A tatlhego ya gago wee, Jerusalema! Go tla tsaya sebaka se se kana kang go tsamaya ò itsheke?