Lefoko la Modimo mo komelelong le mo tlalelong ya ntwa
1 Lefoko laMorenale le tsileng kwa go Jeremia ka ntlha ya komelelo e kgolo la re:
2 “Juta o a hutsafala, ba bolawa
ke lenyora mo metseng ya gagwe,
ba ntse fa fatshe ka bohutsana;
selelo sa Jerusalema
se a tlhatloga.
3 Batlotlegi ba bone ba roma
badiredi ba bone kwa metsing;
ba fitlha kwa didibeng,
ba sa bone metsi.
Ba boa ka dinkgo tsa bone
tse di se nang sepe,
ba swabile,
ba tlhajwa ke ditlhong,
ba ikhurumeditse ditlhogo.
4 E re ka masimo a senyegile
ka ntlha ya pula e e sa nang
mo lefatsheng,
balemi ba swabile,
ba ikhurumeditse ditlhogo.
5 Ee, le tshephe mo nageng
e tlogela ngwana,
e sena go tsala;
gonne ga go na bojang.
6 Diesele tsa nageng di eme
mo dithabaneng tse di iphotlhereng,
di hupa mowa jaaka diphokojwe,
di bokaletse matlho,
gonne ga go na mafulo.
7 ‘Morena, le fa melato ya rona
e supa ka ga rona,
thusa, o dire jalo
ka ntlha ya leina la gago;
ee, boikepo jwa rona bo bogolo,
re go leofetse.
8 Wena tsholofelo ya Iseraele,
wena mothusi wa gagwe
mo sebakeng sa tlalelo,
ke ka ntlha ya eng,
fa o tshwana le moeng fela
mo lefatsheng,
le moeti yo o lalang fela,
a ba a feta?
9 Ke ka ntlhaang, fa o tshwana
le monna yo o feletsweng
ke maano,
fa o tshwana le seganka
se se sa itseng go thusa?
Kana ò na le rona,Morena!
Re biditswe ka leina la gago.
Se re tlogele!’ ”
10 Morenao bua jaana ka ga morafe o a re: “Ba ratile go kgarakgatshega jalo, ba sa thibele maoto a bone; ka moo ga ba a ka ba kgatlhaMorena. Jaanong o tla gakologelwa melato ya bone, a ba beletsa maleo a bone.”
11 MmeMorenaa nthaya a re: “Se rapelele morafe o, go fiwa tse di molemo.
12 Le fa ba ka itima dijo, ga nka ke ka utlwa mekokotlelo ya bone; le fa ba ka tlisa setlhabelo se se fisiwang le tshupelo ya dijo, ga nka ke ka ba itumelela; mme ke tla ba feleletsa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo.”
13 Ka araba ka re: “Ao! Morena Modimo, bona, baporofeti ba bone ba ba raya ba re: ‘Ga lo kitla lo bona tšhaka le e seng tlala, gonne ke tla lo naya kagiso e e tlhomameng mo felong fano.’ ”
14 MmeMorenaa nthaya a re: “Tse baporofeti ba di rerang mo leineng la me ke maaka fela. Ga ke a ba roma le e seng go ba laela sepe le e seng go bua nabo. Ba lo rerela dipono tsa maaka le boitseanape jwa boithamako le tsietso ya dipelo tsa bone.”
15 Bakeng leoMorenao bua jaana a re: “Baporofeti ba ba rerang mo leineng la me, le fa ke sa ba roma, ba ba buang ba re: ‘Tšhaka le tlala ga di na go tsena mo lefatsheng le’ – baporofeti bao ba tla nyelela ka tšhaka le ka tlala.
16 Mme morafe o ba o rerelang o tla latlhelwa mo mebileng ya Jerusalema o bolailwe ke tlala le tšhaka, go se na ope yo o ba fitlhang, bone basadi ba bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone. Ke tla goromeletsa bokgopo jwa bone jalo mo go bone.
17 Jaanong o ba bolelele lefoko le o re:
“ ‘Matlho a me a ela dikeledi
bosigo le motshegare,
ga a na go khutla!
Gonne lekgarebe,
morwadia morafe wa me
o kgobegile ka tatlhego e kgolo,
a tswa ntho e e sa foleng.
18 Fa ke tswela kwa nageng,
ke fitlhela ba ba phololeditsweng
ka tšhaka;
fa ke tsena mo motseng,
ke bona matlhoko a tlala.
Ee, moporofeti le moperesiti
le bone ba kgarakgatshega
mo lefatsheng,
ba sa tlhole ba itse sepe.’ ”
Bajuta ba seka le Modimo
19 A ò latlhetse Juta ruri? Gongwe
a Sione o tenne Mowa wa gago?
Ke ka ntlhaang,
fa ò re otlile
mo go se nang kalafo?
Re ne re lebeletse kagiso,
mme ga go na sepe
se se molemo;
le sebaka sa kalafo,
mme re fitlhela letshogo fela.
20 Morena, re ipona boikepo
jwa rona le molato wa borraetsho;
ee, re go leofetse.
21 A ko ò se ka wa re nyatsa
ka ntlha ya leina la gago!
Se tlotlolole sedulo sa bogosi
sa kgalalelo ya gago!
Gopola kgolagano e ò e dirileng
le rona;
ò se ka wa e senya.
22 A go na le medimo ya baheitane
e e nesang pula?
Gongwe a legodimo
le ka nesa pula ka bolone?
A ga se wenaMorena,
Modimo wa rona?
Re lebeletse wena,
gonne ò dira dilo
tse tsotlhe tse.