JEREMIA 19

Jeremia o tshwantsha tatlhego ya Jerusalema ka go thuba nkgwana

1 Morenao ntheile a re: “Yaa o ithekele nkgwana kwa go mmopi, o ye le bagolo bangwe ba morafe le bagolo bangwe ba baperesiti.

2 O fete o tswele kwa mogorogorong wa Morwa Hinome, fa go leng kgoro ya mangetana, o rere mafoko teng a ke tla a go bolelelang.

3 Bua o re: ‘Utlwang Lefoko laMorena, lona dikgosi tsa Juta le lona baagi ba Jerusalema:Morenawa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Bonang, ke isa felo fa mo tatlhegong e mongwe le mongwe yo o e utlwelang o tla sumang ditsebe ka yona.

4 Ke ka gonne ba ntlogetse, ba tsenya boheitane mo felong fano, ba fisetsa medimo e sele maswalo gona, e ba neng ba sa e itse, le fa e le borraabo gongwe dikgosi tsa Juta; ba tlatsa felo fano madi a ba ba se nang molato;

5 ba aga dithota tsa tlhabelo tsa ga Baale gore ba fise bomorwaa-bone ka molelo mo go tsona e le ditlhabelo tsa ga Baale tse ke sa di laolang, le e seng go di bua le e seng go di akanya mo pelong.’ ”

6 Ke gona ka mooMorenao buileng a re: “Bonang, malatsi a tla tla, a ka ona felo fano go se kitlang go tlhola go bidiwa ‘Thofethe’ le ‘Mogorogoro wa Morwa Hinome’, mme go tla bidiwa ‘Mogorogoro wa polaelo’.

7 Ke tla silofatsa maikaelelo a Juta le a Jerusalema mo felong fano, ke ba diga ka tšhaka fa pele ga baba ba bone le ka diatla tsa ba ba ratang go ba bolaya, ke naya dinonyane tsa loapi le dibata tsa naga direpa tsa bone gore e nne dijo tsa tsona.

8 Motse o ke tla o dira theregiso le tshotlego; mongwe le mongwe yo o o ralalang o tla rerega thata, a gakgamalela dikotlo tsotlhe tsa ona.

9 Le gona ke tla ba jesa nama ya bomorwaa-bone le nama ya bomorwadia-bone; mongwe le mongwe o tla ja nama ya mongwe-ka-ene. Ba tla nna mo tlalelong le mo pitlaganong, tse baba ba bone ba ba ratang go ba bolaya ba tla ba bogisang ka tsona.

10 “Jaanong o thube nkgwana eo fa pele ga matlho a banna ba ba ileng nao,

11 mme o ba ree o re: ‘Morenawa masomosomo o bua jaana a re: Ke tla phatlakanya morafe o le motse o jaaka go phatlakanngwa nkgwana ya mmopi e e sa ka keng ya baakanngwa gape. Mme ba tla fitlha baswi mo go Thofethe, ka ba se na manno kwa ba ka ba fitlhang teng.

12 Morenao buile a re: Ke tla direla felo fano le baagi ba gona jalo; ke tla dira motse o gore o tshwane le Thofethe.

13 Matlo a Jerusalema le matlo a dikgosi tsa Juta a tla itshekologa jaaka felo ga Thofethe. Ba fiseditse lesomo lotlhe la legodimo maswalo, ba tshelela medimo e sele ditshupelo tsa noo mo godimo ga matlo aotlhe ao.’ ”

14 Jaanong e rile Jeremia a boa kwa Thofethe, kwaMorenao neng a mo romile teng gore a rere mafoko a Modimo a a tla dirafalang, a feta a ema mo lapeng la Ntlo yaMorena, a raya morafe otlhe a re:

15 “Morenawa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bonang, ke tla digela tatlhego yotlhe mo motseng o le mo metsaneng ya ona, e ke bopileng go e isa mo go yona; gonne ba gagamaditse melala ya bone gore ba se ka ba utlwa mafoko a me.’ ”