Jeremia o bogisiwa ke Phašure, mookamedi wa Tempele
1 Jaanong morwa moperesiti Imere, e bong Phašure, yo e neng e le mookamedi yo mogolo wa Ntlo yaMorena, a utlwa Jeremia a rera mafoko ao.
2 Foo Phašure a itaya moporofeti Jeremia, a mo kudupanya ka go mo golegela mo dikoteng tse di mo kgorong e e godimo ya Benyamene e e gaufi le Ntlo yaMorena.
3 Mme ya re ka moso Phašure a ntsha Jeremia mo kgolegelong eo, Jeremia a mo raya a re: “Morenaga a tlhole a go bitsa Phašure,mme o tla go bitsa ‘Therego-tikologong’.
4 GonneMorenao buile jaana a re: ‘Bona, ke tla go dira moipoifi, ke go dira theregiso mo ditsaleng tsotlhe tsa gago. Ba tla wa ka tšhaka ya baba ba bone fa pele ga matlho a gago. Mme ke tla neela Bajuta botlhe mo seatleng sa kgosi ya Babele gore e ba ise mo botshwarong kwa Babele, e ba reme ka tšhaka.
5 Mme maruo otlhe a motse o le dithoto tsotlhe tsa ona le dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwa e kgolo tsa ona, le mahumo otlhe a dikgosi tsa Juta ke tla di neela mo diatleng tsa baba ba bone; ba tla di thopa, ba di tsaya, ba di isa kwa Babele.
6 Le wena Phašure le baagi botlhe ba ntlo ya gago lo tla ya mo botshwarong; o tla goroga kwa Babele, o swela gona, o fitlhwa gona, wena le ditsala tsotlhe tsa gago tse o di reretseng maaka.’ ”
Jeremia o lela ka ga morwalo o o makete wa tiro ya boporofeti
7 Morena, ò nkgonne, ka ineela;
ò no o le thata bogolo go nna,
wa mphenya.
Ke fetogile yo o tshegwang
letsatsi lotlhe;
botlhe ba a ntshotla.
8 Gonne ka nako nngwe le nngwe,
fa ke bua,
ke na le go goa le go kua ke re:
“Kgatelelo le tshenyo!”
Gonne Lefoko laMorena
le mphetogetse kgobo le tshotlo
ka malatsi otlhe.
9 Jaanong fa ke re: “Ga nkitla
ke tlhola ke mo gopola le e seng
go bua mo leineng la gagwe,”
foo go nne jaaka molelo
o o fisang mo pelong ya me,
o o tswaletsweng
mo marapong a me.
Ke itapisitse go itshoka,
mme ke paletswe.
10 Therego e mo tikologong!
Gonne ke utlwetse ba bantsi
ba ntsheba ba re:
“Mmegeng, re rata go mo teba.”
Batho botlhe ba ba phelang
le nna ka kagiso
ba lalela phoso ya me.
Ba re: “Ka gongwe o tla raelega
gore re mo fenye,
re mo ipusolosetse.”
11 MmeMorenao na le nna
a le senatla se se boitshegang;
ka moo ba ba ntebelang ba tla wa,
ba sa fenye.
Ba tla tlhajwa ke ditlhong
tse dikgolo,
gonne ga ba a kgona sepe.
Ke kgala e e sa khutleng
e e sa lebalweng.
12 WenaMorenawa masomosomo
yo o tlhatlhobang mosiami,
yo o bonang diphilo le pelo,
nte ke bone pusoloso ya gago
mo go bone,
gonne ke go neetse kgang ya me
ka go go ikanya.
13 OpelelangMorena!
TumisangMorena!
Gonne o pholositse bophelo
jwa mohumanegi
mo diatleng tsa ba ba pelompe.
14 A go rogakwe letsatsi
le ke tsetsweng ka lone!
A letsatsi le mmê o mpelegeng
ka lone le se ka la tshegofadiwa!
15 A go rogakwe monna yo o neng
a begela rre mafoko a boitumelo
a re:
“O tsaletswe ngwana
wa mosimane!”
yo o neng a mo itumedisa thata.
16 A monna yoo a nne jaaka metse
eMorenao kileng a e ribegetsa,
a sa e utlwele botlhoko!
A a utlwe go goa mo mosong
le mokgosi wa ntwa motshegare,
17 ka a se ka a mpolaela
mo mmeleng wa ga mmê!
Foo mmê e ka bo e le phupu
ya me;
foo o ka bo a le moimana
ka bosakhutleng.
18 Kana ke ne ke tsalelwang gore
ke bone tapisego le bohutsana,
mme malatsi a me a fete
ka ditlhong?