Jeremia o itsise go thopiwa ga Jerusalema
1 Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa moMoreneng, motlhang kgosi Setekia a romang Phašure, morwa Malekhia, le moperesiti Sefanya, morwa Maaseya, kwa go ene a re:
2 “A ko o re boletseMorena. Gonne Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o tlhabana le rona. A ka gongweMorenao tla re direla ka fa ditirong tse di gakgamatsang tsa gagwe gore a re tlogele?”
3 Ke fa Jeremia a ba raya a re: “Fetolang Setekia jaana lo re:
4 ‘Morena, Modimo wa Iseraele, o buile jaana a re: Bonang, dibolai tse lo di tshotseng tse lo tlhabanang ka tsona le kgosi ya Babele le Bakalatea ba ba lo dikaganyetsang ka ntwa, ke tla di busa ka kwa ntle ga lobota, ke di phuthela mo teng ga motse o.
5 Mme nna ka nosi ke tla lwa le lona ka seatla se se otlologileng le ka letsogo le le thata le ka bogale jo bo tukang, ke gaketse thata.
6 Mme ke tla bolaya baagi ba motse o, e leng batho le diruiwa, gore ba swe ka leroborobo.’ ”
7 GapeMorenaa re: “ ‘Setekia, kgosi ya Juta, le batlhanka ba gagwe, le morafe – e bong botlhe ba ba phologileng mo motseng o, ba ba sa bolawang ke leroborobo gongwe tšhaka gongwe tlala – morago ga moo ke tla ba neela mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, le mo diatleng tsa baba ba bona le mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya; mme ene o tla ba itaya ka tšhaka e e bogale, a sa ba utlwele botlhoko, a sa ba rekegele, a sa ba tlhomogele pelo.’
8 “Mme o ree morafe o ò re: ‘Morenao bua jaana a re: Bonang, ke baya tsela ya bophelo le tsela ya loso fa pele ga lona.
9 Yo o salang mo motseng o, o tla swa ka tšhaka gongwe ka tlala gongwe ka leroborobo; mme yo o tswelang kwa go Bakalatea ba ba lo dikanyetsang ka ntwa, a ineela mo go bona, ene o tla phela, a ithopela bophelo.
10 Gonne ke lebisitse sefatlhego sa me mo motseng o, go o isa mo tatlhegong, e seng mo kagisong.Morenao buile jalo. O tla neelwa mo diatleng tsa kgosi ya Babele gore e o fise ka molelo.’
Mafoko a a lebileng ba lapa la kgosi
11 “Gape o ree ba lapa la kgosi ya Juta o re: ‘Utlwang Lefoko laMorena!
12 Lona ba ntlo ya ga Dafita!Morenaa re: Atlholang ka tshiamo mo mosong mongwe le mongwe, lo pholose yo o thukhuthilweng mo diatleng tsa mogateledi, e se re gongwe bogale jwa me jwa gakala jaaka molelo, jwa tuka mo go se nang ope yo o ka bo timang ka ntlha ya ditiro tse di bosula tsa lona.
13 Bona, ke tla go tlhasela, wenayo o agileng mo mogorogorong; wena lefika leboeng.Morenao raya lona ba lo reng: Ke mang yo o tla fologang, a re lwantsha? Ke mang yo o ka tsenang mo meagong ya rona e e femetsweng?
14 Ke tla lo betsa ka fa maungong a ditiro tsa lona.Morenao buile jalo. Ke tla tshuba molelo mo sekgweng sa gagweGo tewa Sione.o o tla nyeletsang tsotlhe tse di mo tikologong ya gagwe.’ ”