Ka ga kgosi ya Juta
1 Morenao bua jaana a re: “Fologela kwa ntlong ya kgosi ya Juta, o bue gona lefoko le
2 ò re: ‘Utlwa Lefoko laMorena, wena kgosi ya Juta, yo ò ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita, wena le batlhanka ba gago ba ba tsenang ka dikgoro tse:
3 Morenao bua jaana a re: Dirang ka tshiamo le ka molao, lo golole yo o thukhuthilweng mo diatleng tsa mogateledi. Lo se ka lwa senyetsa baeng le masiela le batlholagadi, se ba gateleleng le e seng go tsholola madi a a se nang molato mo felong fano.
4 Gonne fa lo dira tseo ka nnete, dikgosi tse di ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita di tla tsena ka dikgoro tsa ntlo e, di palame dikoloi le dipitse, tsona le batlhanka ba tsona le morafe wa tsona.
5 Mme fa lo sa utlwe mafoko a, gona ke ikanne ka nna ka re: Ntlo e ya borena e tla nna lesope fela.Morenao buile jalo.’ ”
6 Morenao bua jaana ka ga ntlo ya kgosi ya Juta a re: “O Gileate mo go nna le setlhoa sa Lebanone. Ruri, ke tla go dira sekaka sa metse e e se nang banni.
7 Ke tla go romela basenyi, mongwe le mongwe a tshotse dibolai tsa gagwe, gore ba reme mesetere e mentlentle ya gago, ba e latlhele mo molelong.
8 “Jaanong e tla re fa ditšhaba tse dintsi di feta fa motseng o, di botsana di re: ‘Motse o mogolo oMorenao o diretse jalo ka ntlhaang?’
9 di bolelelwe go twe: ‘Ke ka gore ba ne ba tlogetse kgolagano yaMorena, Modimo wa bone, ba obamela medimo e sele, ba e direla.’ ”
Ka ga kgosi Sadume
10 Se leleleng moswi,
se mo hutsafaleleng!
Bogolo lelelang yo o tsamaileng!
Gonne ga a kitla a tlhola a boa,
le e seng go bona lefatshe
la ga gabo gape.
11 GonneMorenao bua jaana ka ga Sadume,morwa Josia, kgosi ya Juta, yo o busang boemong jwa ga Josia rraagwe, yo o tlogileng mono, a re: “Ga a kitla a tlhola a boela kwano.
12 Mme o tla swela mo felong kwa ba mo isitseng teng mo botshwarong; ga a kitla a tlhola a bona lefatshe leno.”
Ka ga kgosi Joyakime
13 “A tatlhego ya gagwe wee
yo o agang ntlo ya gagwe
ka bokgopo le matlwana a gagwe
a a tlhatlaganyeng
ka tshiamololo,
yo o direlwang
ke mongwe-ka-ene lefela,
a sa mo nee tuelo ya gagwe.
14 Yo o reng, ke tla ikagela ntlo
e kgolo le matlwana
a a kwa godimo a a atlhameng;
yo o itirelang difenstere
tse dikgolo,
a e manega dipati tsa mesetere,
a e hubitsa ka letsoku.
15 A o ithaya o re, ke jona bogosi,
fa o tlhoafala go aga ka mesetere?
Rraago a ga a ja, a ga a nwa?
Mme a dira ka tshiamo
le ka molao;
ka moo a phela sentle.
16 O ne a atlholela mmogisegi
le mohumanegi ka tshiamo;
ka moo ga phelwa sentle.
A ga se gona go nkitse?”
go botsaMorena.
17 “Mme matlho a gago
le pelo ya gago
di batla kgwebo ya gago
ya tshiamololo fela,
le go tsholola madi
a a se nang molato,
le go gatelela le go patika.”
18 Ke gona ka mooMorena
o buang jaana ka ga Joyakime,
morwa Josia, kgosi ya Juta, a re:
“Ga ba kitla ba mo hutsafalela
ba re:
‘Ijoo, morwa-rraetsho!’
Gongwe: ‘Ijoo, kgaitsadia-rona!’
Ga ba kitla ba mo lelela ba re:
‘Ijoo, morena!’ Gongwe:
‘Ijoo, kgalalelo ya gagwe!’
19 O tla fitlhwa
jaaka go epelwa esele;
ba tla mo goga fa fatshe,
ba mo latlhela kgakala le dikgoro
tsa Jerusalema.”
Ka ga Mošate
20 “Tlhatlogelakwa godimo
ga Lebanone o goe;
o utlwatse lentswe mo Basane!
Ee, goa o le mo dithabeng
tsa Abarime,
gonne baratiwa botlhe ba gago
ba robagantswe.
21 Ke buile nao,
fa o sa ntse o phela sentle,
mme wa re:
‘Ga ke rate go utlwa.’
Ke ona mokgwa wa gago
go tswa bonyaneng jwa gago:
O ne o ntse ò sa utlwe
lentswe la me.
22 Phefo e tla gogola badisa botlhe
ba gago,
baratiwa ba gago
ba tla ya mo botshwarong.
Ee, foo o tla tlhajwa ke ditlhong,
o swaba ka ntlha ya bosula jotlhe
jwa gago.
23 Wena yo o ntseng mo Lebanone,
yo o ikagetseng sentlhaga
mo mesetereng,
o tla tlhomola pelo jang,
fa o tlelwa ke metlotsedi,
fa o le botlhokong jaaka mosadi
yo o belegang.
Ka ga kgosi Gonya
24 “Ka bophelo jwa me,” go buaMorena, “le fa Gonya,morwa Joyakime, kgosi ya Juta, e ka bo e le palamonwana e e kanang mo seatleng sa me se se jang, ke tla go somola,
25 ke go neela mo diatleng tsa ba ba ratang go go bolaya, mo diatleng tsa ba o ba boifang, e bong mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, mo diatleng tsa Bakalatea.
26 Mme wena le mmaago yo o go belegeng ke tla lo latlhela kwa lefatsheng le sele le lo sa tsalelwang mo go lone; lo tla swela teng.
27 Mme lefatshe le ba tlhologeletsweng go boela kwa go lone ga ba kitla ba boela gona.”
28 A Gonya, monna yoo, ke sebopiwa se se nyatsegang se se pšhwetlakanngwang? Gongwe a ke nkgo e e sa kgatlheng ope? Ke ka ntlhaang, fa ene le ba losika lwa gagwe ba konopelwa, ba latlhelwa kwa lefatsheng le ba sa le itseng?
29 Ao! Lefatshe! Lefatshe!
Lefatshe!
Utlwa Lefoko laMorena!
30 Morenao buile a re:
“Kwalang ka ga monna yoo
lo re: ‘Ga a na bana;
ga se monna yo o tlhogonolo
mo malatsing a gagwe.
Gonne ga go na ope
wa losika lwa gagwe
yo o tla bonang letlhogonolo
la go nna mo sedulong
sa bogosi sa ga Dafita,
la go busa Juta gape.’ ”