JEREMIA 31

Baiseraele ba tla boela kwa gae

1 “Ka sebaka seo,” go buaMorena, “ke tla nna Modimo wa ditshika tsotlhe tsa Iseraele, mme bone ba tla nna morafe wa me.”

2 Morenao bua jaana a re: “Morafe o o falotseng mo tšhakeng o bonye boitshwarelo mo sekakeng. Iseraele o ya kwa boikhutsong jwa gagwe.”

3 Morenao iponaditse mo go nna go tswa kgakala, a nthaya a re: “Ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng; ke ka moo ke go gogetseng kwa go nna ka bopelotlhomogi.

4 Ke tla go aga gape gore o agege, wena lekgarebe la Iseraele. O tla ikgabisa gape ka meropa ya gago, o tswela kwa dipineng tsa ba ba itumetseng.

5 O tla tlhoma masimo a moweine gape mo dithabeng tsa Samaria; balemi ba tla tlhoma le go ja maungo a teng.

6 Ee, letsatsi le tla nna teng gape le badisa ba tla opang mokgosi ka lone mo dithabeng tsa Eferaime ba re: ‘Nanogang, a re yeng kwa Sione, kwaMoreneng, Modimo wa rona.’ ”

7 GonneMorenao bua jaana a re:

“Dudueletsang Jakobe

ka boitumelo,

ipeleng ka ntlha ya moetapele

wa ditšhaba!

Utlwatsang, lo tumiseng lo re:

‘Morenao pholositse morafe

wa gagwe,

e bong masalela a Iseraele.’

8 Bonang, ke tla ba busa

kwa lefatsheng la bokone,

ke ba phutha kwa dikhutlong

tsa lefatshe,

ba na le difofu le batlhotsi

le ba baimana le ba ba belegang,

botlhe mmogo.

Ba tla boela kwano

e le phuthego e kgolo.

9 Ba tla tla ka selelo.

Ke tla ba tlisa ba ntse ba kokotlela.

Ke tla ba isa kwa dinokeng

tsa metsi mo tseleng e e siameng

e ba sa kgotšweng mo go yona.

Gonne ke nna rraagwe Iseraele;

Eferaime ke morwaake

wa ntlha.

10 Lona merafe,

utlwang Lefoko laMorena,

lo le utlwatse kwa

ditlhakatlhakeng

tse di kgakala lo re:

‘Yo o faladitseng Baiseraele

o tla ba phutha gape,

a ba disa jaaka modisa a disa

letsomane la gagwe.’

11 GonneMorena

o rekolotse Jakobe,

a mo golola mo seatleng

sa yo o thata bogolo go ene.

12 Ba tla tla, ba duduetsa

mo thabeng ya Sione,

ba itumelela ditshegofatso

tsaMorena,

e bong mabele le weine

le lookwane le dikwanyana

le dikgomo.

Mewa ya bone e tla tshwana

le tshimo e e noseditsweng

sentle.

Ga ba kitla ba tlhola

ba bogisega.

13 Foo makgarebe

a tla itumela mo pineng,

makau le banna bagolo

ba na nao.

Gonne ke tla fetola khutsafalo

ya bone boitumelo,

ke ba gomotsa, ke ba thabisa,

ke ba ntsha

mo bohutsaneng jwa bone.

14 Ke tla lapolosa dipelo

tsa baperesiti ka mafura;

morafe wa me o tla kgora

ditshegofatso tsa me.”

Morenao buile jalo.

Morena o tlhomogela Baiseraele pelo

15 Morenao bua jaana a re:

“Utlwelelang!

Go utlwala sefela sa khutsafalo

le selelo sa bogalaka kwa Rama:

‘Ragele o lelela bana ba gagwe,

mme o gana go gomotsega

ka ntlha ya bone,

gonne ga ba tlhole ba le teng.’ ”

16 Morenao bua jaana a re:

“Thibela selelo

sa lentswe la gago

le dikeledi tsa matlho a gago;

gonne tiro ya gago

e tla bona tuelo,”

go buaMorena.

“Ba tla boa mo lefatsheng

la mmaba.

17 Go na le tsholofelo ya ba losika

lwa gago,” go buaMorena.

“Bana ba tla boela

mo dinageng tsa bone.

18 “Ee, ke utlwile Eferaime a lela

a re:

‘O nkotlile, ka bediwa jaaka

pholwana e e iseng e katisiwe.

Ntlhabolose,

foo ke tla tlhabologa!

Gonne ke wenaMorena,

Modimo wa me.

19 Gonne e rile ke sena go ikepa,

ka ikwatlhaya;

ya re ke sena go ipona,

ka ingwaya tlhogo.

Ke tlhabilwe ke ditlhong,

ka swaba,

gonne ke rwele kgobo

ya bošwa jwa me.’

20 A Eferaime ke morwaake

yo o rategang?

Gongwe a ke ngwana

yo o nthabisang?

Gonne ka nako le nako,

fa ke bua ka ga gagwe,

ke sa ntse ke na le go mo gopola.

Ke ka moo maikutlo a me

a mo huduegelang,

ke na le go mo tlhomogela pelo.”

Morenao buile jalo.

21 “Itlhomele mesupatsela,

o itsosetse mantswe

a a motloutlo;

tlhokomela tsela e kgolo,

e leng tsela e o tsamaileng

ka yona.

Boa, lekgarebe la Iseraele,

o boele mo metseng eno ya gago.

22 O tla kgarakgatshega

go fitlha leng,

wena morwadi yo o tenegileng?

GonneMorenao tla tlhola

tse dintšhwa mo lefatsheng:

Mosadi o tla ineela monna.”

Baiseraele ba tla itumela gape

23 Morenawa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: “E tla re ke fetola tatlhego ya bone, ba bue lefoko leo gape mo lefatsheng la Juta le mo metseng ya lone ba re:

“ ‘AMorenaa go tshegofatse,

wena naga ya tshiamo le thaba

e e boitshepo!’

24 “Mme Bajuta le ba metse yotlhe ya bone le balemi le ba ba bololang le matsomane ba tla nna mmogo mo go yona.

25 Gonne ke lapolosa pelo tsa ba ba lapileng; ke kgorisa botlhe ba ba nyemileng moko.”

26 Ke fa ke thanya, ke lebaleba; mme boroko jwa me bo ne bo beile monate mo go nna.

27 “Bonang, malatsi a tla tla,” go buaMorena, “a ka ona ke tla jwalang peo ya batho le peo ya dikgomo mo ntlong ya Iseraele le mo ntlong ya Juta.

28 Ke ne ke tlhoafetse go ba kumola le go ba thuba le go ba rutla le go ba nyeletsa le go ba utlwisa botlhoko: Ke tla tlhoafala jalo go ba aga le go ba tlhoma,” go buaMorena.

29 “Ka malatsi ao ga ba kitla ba tlhola ba re:

“ ‘Borra-bana ba jele makgela

a moweine;

ka moo meno a bana a dilega.’

30 “Mme mongwe le mongwe o tla swa ka ntlha ya molato wa gagwe. Motho mongwe le mongwe yo o jang makgela a moweine, meno a gagwe a tla dilega.

31 “Bonang, malatsi a e tla,” go buaMorena, “a ke tla dirang kgolagano e ntšhwa le Baiseraele le Bajuta ka ona;

32 e seng kgolagano e e tshwanang le e nkileng ka e dira le borraabo ka letsatsi le ke ne ke ba tshwere mabogong ka lone go ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto; gonne ba robile kgolagano ya me, le fa ke ne ke le Morena wa bone.”Morenao buile jalo.

33 “Mme kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke ya go re: Ke tla tsenya molao wa me mo maikutlong a bone, ke o kwala mo dipelong tsa bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me.”Morenaa re jalo.

34 “Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘ItseMorena!’ Gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone,” go buaMorena. “Gonne ke tla ba itshwarela molato wa bone, ke sa tlhole ke gopola maleo a bone.”

35 Morenayo o tlhabisang letsatsi

gore le bonese motshegare;

yo o beileng dithulaganyo

tsa ngwedi le dinaledi

gore di sedimose bosigo;

yo o huduang lewatle

gore dintelo tsa lone di sume –

leina la gagwe keMorena

wa masomosomo –

o bua jaana a re:

36 “Fa dithulaganyo tse

di tloga fa pele ga me,”

go buaMorena,

“foo losika lwa Iseraele le lone

lo tla khutla go nna setšhaba

fa pele ga me ka malatsi otlhe.”

37 Morenao bua jaana a re:

“Fa legodimo le ka lekanngwa

kwa godimo;

fa metheo ya lefatshe

e ka tlhotlhomisiwa

kwa tlasetlase,

foo le nna ke tla latlha losika

lotlhe lwa Iseraele

ka ntlha ya tsotlhe

tse ba di dirileng.”

Morenao buile jalo.

38 Morenaa re: “Bonang, malatsi a e tla a motse o, o tla agelwangMorenagape ka ona, go tloga kwa kagong e e godimo ya Hananele go fitlha kwa Kgorong ya Sekhutlo.

39 Mme mogala o o lekanyang o tla isiwa pele, o tlhamalala go fitlha kwa thabaneng ya Garebe; o tla thelela teng, o ya kwa Goa.

40 Mme mogorogoro otlhe wa ditoto le wa molora wa ditlhabelo, mmogo le masimo otlhe go fitlha kwa nokeng ya Kiterone le go ya kwa sekhutlong sa Kgoro ya Dipitse ntlheng ya botlhabatsatsi, o tla itshepelaMorena. Ga go kitla go tlhola go kumolwa teng le e seng go rutlwa ka bosakhutleng.”