JEREMIA 42

Batho ba kopa Jeremia gore a ba rapelele

1 Mme balaodi botlhe ba batlhabani le Johanane, morwa Karea, le Asaria, morwa Hosaya, le batho botlhe, ba bagolo le ba bannye, ba atamela,

2 ba raya moporofeti Jeremia ba re: “A ko o utlwe se re se kopang, ra re, re rapeleleMorena, Modimo wa gago, rona le masalela otlhe a. Kana re ne re le bantsi, mme re setse re le bannye fela, jaaka o re bona ka matlho.

3 AMorena, Modimo wa gago, a re itsise tsela e re ka tsamayang ka yona, le tse re ka di dirang.”

4 Moporofeti Jeremia a ba araba a re: “Ke lo utlwile. Itseng gore ke tla lo rapelelaMorena, Modimo wa lona, jaaka lo kopile. Le gona ke tla lo itsise tsotlhe tseMorenaa lo fetolang ka tsona, ke sa lo lobele lefoko lepe.”

5 Ke fa ba raya Jeremia ba re: “AMorenae nne mosupi wa boammaaruri le boikanyo yo o re otlang, fa re sa dire tsotlhe ka fa mafokong a o a re bolelelang, o romilwe keMorena, Modimo wa gago.

6 Lentswe laMorena, Modimo wa rona, yo re go romelang kwa go ene, re tla le utlwa, le fa le le molemo gongwe le le botlhoko, gore re tle re phele sentle ka go utlwa lentswe laMorena, Modimo wa rona.”

Modimo o araba thapelo ya ga Jeremia

7 Jaanong ya re malatsi a le some a sena go feta, Lefoko laMorenala tla kwa go Jeremia.

8 Ke fa a bitsa Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba ba nang nae, le batho botlhe, ba bagolo le ba bannye,

9 a ba raya a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, yo lo nthomileng kwa go ene gore ke lo rapelele ka boikokobetso, o bua jaana a re:

10 ‘Fa lo nna mo lefatsheng le, lo iketlile, ke tla lo agisa, ke sa lo rutle; ke tla lo tlhoma, ke sa lo kumole. Gonne ke utlwa botlhoko ka ntlha ya petso e ke e lo diretseng.

11 Se boifeng kgosi ya Babele e lo e tshabang!’Morenaa re: ‘Lo se ka lwa e boifa, gonne ke na le lona gore ke lo thuse, ke lo pholose mo seatleng sa yona.

12 Ke tla lo direla ka kutlwelo-botlhoko gore e lo tlhomogele pelo, e lo agise mo nageng ya lona.’

13 “Fela fa lo ka re: ‘Ga re rate go nna mo nageng e’ – kana ke go se utlwe lentswe laMorena, Modimo wa lona! –

14 Fa lo re: ‘Nnyaya! Rona re rata go ya kwa lefatsheng la Egepeto kwa re sa boneng ntwa teng, kwa re sa utlweng modumo wa lonaka teng, kwa re sa tlhokeng bogobe teng; ke kwa re tla nnang gona.’

15 Fa lo ka re jalo, gona utlwang Lefoko laMorena, lona masalela a Juta!Morenawa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Fa lo ikaeletse tota go ya kwa Egepeto, fa lo ya teng go jaka gona,

16 foo tšhaka e lo e boifang e tla lo fitlhela gona kwa lefatsheng la Egepeto; le tlala e lo e tshabang e tla lo sala morago teng kwa Egepeto, mme lo tla swela gona.

17 Ee, banna botlhe ba ba ikaeletseng go ya kwa Egepeto le go jaka gona ba tla swa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo. Ga go ne go nna ope mo go bone yo o falolang le e seng go phologa mo tatlhegong e ke tla ba digelang mo go yona.’

18 “GonneMorenawa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Bogale jwa me le kgalefo ya me di goromeleditswe mo baaging ba Jerusalema, kgalefo ya me e tla goromelediwa mo go lona jalo, fa lo ya kwa Egepeto. Lo tla nna thogo le theregiso le khutso le kgobo, mme felo fa ga lo kitla lo tlhola lo go bona.’

19 “Lona masalela a Juta,Morenao raya lona fa a re: ‘Lo se ka lwa ya kwa Egepeto!’ Itsetseng ruri gore ke lo tlhagisitse kajeno.

20 Kana lo timetse mo lo tla itshenyetsang maphelo! Gonne lo nthomile ka losi kwaMoreneng, Modimo wa lona, lwa re: ‘Re rapeleleMorena, Modimo wa rona, o re itsise tsotlhe tseMorena, Modimo wa rona, o di buang. Re tla di dira.’

21 Kajeno ke di lo begetse, mme ga lo a utlwa lentswe laMorena, Modimo wa lona, le e seng sepe sa tse o nthomileng kwa go lona ka tsona.

22 Jaanong itseng tota gore lo tla swa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo mo felong kwa lo tla yang teng go jaka gona ka boithatelo jwa lona.”