Jeremia o kgalemela Baruge le go mo gomotsa ka Lefoko la Modimo
1 Lefoko le moporofeti Jeremia o le boleletseng Baruge, morwa Neria, ka ngwaga wa bone wa ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, fa a kwala mafoko ao mo bukeng, a tswa mo molomong wa ga Jeremia, ke le le reng:
2 “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana, a raya wena Baruge a re:
3 O rile: ‘A tatlhego ya me wee! GonneMorenao okeditse botlhoko jwa me ka bohutsana. Ke itapisitse ka go fegelwa ga me, boikhutso ga ke bo bone.’
4 “Mo ree jaana o re: ‘Morenao bua jaana a re: Bona, tse ke di agileng ke a di rutla; tse ke di tlhomileng ke a di kumola. Tseo di raya lefatshe lotlhe.
5 Mme wena, a o ipatlela tse dikgolo? Se di batle! Gonne bona, ke tla tlisa tatlhego e e welang batho botlhe.’Morenao bua jalo. ‘Fela ke tla go naya bophelo jwa gago e le thopo gongwe le gongwe kwa o yang teng.’ ”