JEREMIA 46

Lefoko la Modimo ka ga merafe e mengwe. Ka ga Egepeto

1 Lefoko laMorenale le tlileng kwa go moporofeti Jeremia ka ga ditšhaba.

2 Ka ga Egepeto. Ka ga mephato ya batlhabani ba ga Farao Nego, kgosi ya Egepeto, ba ba neng ba le kwa nokeng ya Ferathe kwa Karekemiše, ba ba fentsweng ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele, ka ngwaga wa bone wa puso ya ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta.

3 “Baakanyang thebe le thejana,

lo bolole go tlhabana!

4 Golegang dipitse lo di palame,

lona bapalami; ikemiseng

lo rwele dikuane tsa ntwa;

gotlhang marumo,

lo apare ditshipi tsa phemelo!

5 “Ke ka ntlhaang fa ke bona

ba nyema moko,

ba boela kwa morago?

Bagale ba bone ba fentswe,

ba tshabela pele, ba sa gadime.

Go poitshego mo ntlheng

tsotlhe,”

go buaMorena.

6 “Yo o lobelo ga a na go falola;

seganka ga se na go phologa.

Ba kgopilwe ba wa kwa bokone

fa losing lwa noka ya Ferathe.

7 Ke mang yo o gogomogang

jaaka Nile,

yo metsi a gagwe a phothoselang

jaaka dinoka?

8 Ke Egepeto yo o gogomogang

jaaka Nile;

ke metsi a gagwe

a a phothoselang

jaaka dinoka a re:

‘Ke tla gogomoga,

ke khurumetsa lefatshe,

ke senya motse

le ba ba agileng mo go ona.

9 Phalalang, lona dipitse,

kgothoselang,

lona dikoloi tsa ntwa,

bololang, lona diganka,

lona Baethiopia le Baphute

ba lo tshwereng dithebe;

lona Balute ba lo tshwereng

mara, lo a gagamatsa!’ ”

10 Letsatsi leo ke la Morena,

Modimo wa masomosomo,

ke letsatsi la pusoloso

gore a ipusolosetse

mo babeng ba gagwe.

Tšhaka ya Morena e tla ja,

e kgora,

e tlhapelwa ka madi a bone.

Gonne Morena,

Modimo wa masomosomo

o na le setlhabelo mo lefatsheng

la bokone kwa nokeng

ya Ferathe.

11 Yaa go tsaya boroku jo bo alafang

kwa Gileate,

wena lekgarebe,

morwadia Egepeto!

Mme o batlela ditlhare tse dintsi

lefelafela;

ga o na go fola.

12 Ditšhaba di utlwetse

ditlhong tsa gago.

Selelo sa gago

se tletse ka lefatshe.

Mogale o thulanye le mogale,

ba wa mmogo

ka bobedi jwa bone.

Nebukatenesare wa Babele o e tla

13 Lefoko leMorenao le buileng le moporofeti Jeremia la go re, Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o tla tla, a kgemetha lefatshe la Egepeto, ke le le reng:

14 “Itsiseng kwa Egepeto,

utlwatsang kwa Migetole,

lo bolele kwa Nofe

le kwa Thagephanese lo re:

‘Ikemiseng lo ipaakanye,

gonne tšhaka e ja

ba ba mo tikologong ya lona.’

15 Ke ka ntlhaang

fa bapalami ba gago ba digilwe?

Ba paletswe ke go ema,

gonneMorenao ba digile.

16 O ba digile ka bontsi, ba wa,

ba welana mo ba bileng ba re:

‘Nanogang, a re boeleng

kwa morafeng wa ga etsho

le kwa lefatsheng

le re tsaletsweng mo go lone,

re tshabe tšhaka e e re fetsang.’

17 “Ba ne ba kua teng koo ba re:

‘Farao, kgosi ya Egepeto,

ke modumo wa ntwa fela,’

mme o fositse nako

e e leng yona.

18 Ka bophelo jwa me!”

Go bua yona kgosi

e leina la yona

e lengMorenawa masomosomo

e re: “Ee, e tla tla,

fela jaaka thaba ya Thabore

e okame dithaba

le jaaka ya Karemele

e okame lewatle.

19 Itirele dilo tsa go ya

mo botshwarong,

wena lekgarebe

le le agileng mo Egepeto.

Gonne Nofe o tla fetoga marope,

o fisiwa, o tlhoka moagi.

20 Egepeto ke kgomo

e ntlentle thata;

mme seboba se tlile go e loma,

se tswa kwa bokone.

21 Le batlhabani ba gagwe

ba ba rapilweng ka tuelo

ba teng mo go ene

jaaka dipoana

tse di nontshiwang,

ee, le bone ba a retologa,

ba tshaba botlhe,

ba paletswe ke go ema.

Gonne letsatsi la tatlhego

ya bone le ba tletse,

le sebaka sa go otliwa ga bone

se tlile.

22 Mokgwasa wa gagwe

o tshwana le wa noga

e e tshabang,

fa baba ba tla ka bontsi,

fa ba tla kwa go ene ka dilepe

jaaka baremi ba ditlhare.

23 Ba rema sekgwa sa gagwe,”

go buaMorena,

“ee, sekhu se se sa tsenweng.

Gonne ba feta tsie ka bontsi,

ke ba ba se nang palo.

24 Morwadia Egepeto

o tlhabisitswe ditlhong,

a neelwa mo diatleng

tsa morafe wa kwa bokone.”

25 Morenawa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile a re: “Itseng gore ke tla otla modimo Amone o o kwa Noo le Farao le Egepeto le medimo ya teng le dikgosi tsa teng, le Farao mmogo le ba ba mo ikanyang.

26 Ke tla ba neela mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya, mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, mo diatleng tsa batlhanka ba gagwe. Mme morago ga moo Egepeto o tla agiwa gape jaaka mo malatsing a bogologolo.”Morenao buile jalo.

Morena o tla sireletsa morafe wa gagwe

27 “Mme wena Jakobe,

motlhanka wa me, se boife;

wena, Iseraele, se tshoge!

Gonne bona,

ke tla go pholosa

o le kwa kgakala,

le ba losika lwa gago

mo lefatsheng

la botshwaro jwa bone.

Jakobe o tla boa, a thagama,

a iketla,

go se na yo o mo tshosang.

28 Se boife, wena Jakobe,

motlhanka wa me,

ka gonne yo o nang nao

ke Nna.”

Morenao buile jalo.

“Gonne ditšhaba tsotlhe

tse ke go leleketseng

kwa go tsona

ke tla di fedisa,

mme wena ga nka ke

ka go fedisa.

Fela ke tla go otla

ka fa go go tshwanetseng.

Ga nka ke ka go lesa fela

ke sa go betse.”