JEREMIA 48

Taelo ya Modimo ka ga Moabe

1 Ka ga Moabe.Morenawa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re:

“A tatlhego wee

ya thaba ya Nebo,

gonne e sentswe.

Khiriathaime o swabile,

wa thopiwa.

Kago ya phemelo

e tlhabisitswe ditlhong,

ya rerega.

2 Tumiso ya Moabe

ga e tlhole e le teng.

Ba mo logetse maano a a bosula

kwa Hešebone ba re:

‘A re yeng, re mo nyeletse gore

e se ka ya tlhola e nna setšhaba.’

Le wena Matemena

o tla senngwa,

tšhaka e go latelela.

3 Go goa go utlwala

kwa Horonaime

le tshenyo le thubakanyo

e kgolo.

4 “Moabe o thubakantswe.

Masea a gagwe a utlwatsa selelo.

5 Ee, ba tlhatloga

kwa mapalamong

a Luhithe ka selelo.

Ee, go utlwiwa

ba lelela thubakanyo

kwa mafologong a Horonaime.

6 Tshabang lo ipolokele bophelo,

lo nne jaaka setlhatshana

mo sekakeng.

7 “Ee, e re ka o ikantse ditiro

tsa gago le mahumo a gago,

le wena o tla thopiwa.

Modimo Kamose o tla tswa,

o ya mo botshwarong

mmogo le baperesiti ba ona

le dikgosana tsa ona.

8 Mosenyi o tla tla mo motseng

mongwe le mongwe,

go se na motse ope

o o ka falolang.

Mogorogoro o tla senyega,

leboa le ntshiwa sekaka.”

Ke ka faMorena

a buileng ka teng.

9 “Nayang Moabe diphuka

gore a fofe a tshabe.

Metse ya gagwe e tla fetoga

marope a go sa tlholeng

go nna ope mo go ona.”

10 Go hutsitswe yo o dirang

tiro yaMorenaka botlapa.

Go hutsitswe

yo o thibelang tšhaka ya gagwe

go tsholola madi.

Metse ya Moabe e tla senngwa

11 “Moabe o ne a iketlile go tswa bonyaneng jwa gagwe, a itsheka mo dintsheng tsa gagwe, a sa tlhotlhwe, a sa ntshiwe mo nkgwaneng, a sa tshelwe mo nkgwaneng e nngwe. Ga a ka a ya mo botshwarong. Ke ka moo moutlwalo wa gagwe o setseng mo go ene. Monkgo wa gagwe ga o a fetoga.”

12 Ke ka mooMorenaa reng: “Itseng gore malatsi a tla tla, a ka ona ke tla mo romelang batlhotlhi; ba tla mo tlhotlha, ba tsholola ditsaga tsa gagwe, ba thuba dinkgwana tsa gagwe.

13 Foo Moabe o tla tlhabisiwa ditlhong ke Kamose jaaka Baiseraele ba tlhabisitswe ditlhong ke Bethele, kwa ba neng ba go ikanya.

14 “Lo ka bua jang lwa re:

‘Re bagale,

re dinatla mo tlhabanong’?

15 Moabe o sentswe;

ba tsenye mo metseng ya gagwe.

Makau a gagwe a a tlhaotsweng

a ile go bolawa.”

Ke lefoko la yona kgosi

e leina la yona e lengMorena

wa masomosomo.

16 “Tatlhego ya Moabe

e gaufi le go tla;

kotsi e tla mo wela

ka lobelo lo logolo.

17 “Mo leleleng lotlhe

ba lo mo tikologong ya gagwe,

lotlhe ba lo itseng leina la gagwe

lo re:

‘Ijoo! Go robegile jang ne

thobane ya bogosi e e tiileng

le tsamma e ntlentle!’

18 Wena moagi, morwadia Dibone,

fologa mo kgalalelong,

o nne mo nageng ya lenyora!

Gonne mosenyi wa Moabe

o tla tlhatlogela kwa go wena,

a senya diphemelo tsa gago.

19 Emang mo tseleng, lo tlhole,

lona baagi ba Aroere.

Botsang monna yo o tshabileng

le mosadi yo o falotseng lo re:

‘Go dirafetseng ne?’

20 Moabe o tlhabisitswe ditlhong,

gonne o thubagantswe.

Goang, lo bokolele,

lo itsise kwa Arenone lo re:

‘Moabe o sentswe!’

21 “Katlholo e tlile, petso ya wela naga ya leboa le Holone le Jasa le Mefaathe;

22 ya wela Dibone le Nebo le Bethe-Dibelathaime;

23 ya wela Khiriathaime le Bethe-Gamule le Bethe-Meone;

24 ya wela Keriothe le Bosera le metse yotlhe ya lefatshe la Moabe, e e kgakala le e e gaufi.

25 Lonaka lwa Moabe lo kgaotswe. Letsogo la gagwe le robegile.”Morenao buile jalo.

Moabe o tla kokobediwa

26 “Mo tagiseng, gonne o ikgodiseditseMorenagore Moabe a wele mo matlhatseng a gagwe, a sotlege le ene.

27 Kampo a e ne e se Iseraele yo ò mo sotlileng? A o ne a tshwarwa a na le magodu, fa ò bileng wa mo thukhuthela tlhogo, wa mo sotla ka nako le nako, fa o bua ka ga gagwe?

28 “Lona baagi ba Moabe, tlogelang metse, lo nne mo mafikeng, lo tshwane le leeba le le agang sentlhaga ntlheng ele ya molomo wa logaga.

29 Re utlwetse boikgodiso jwa ga Moabe go twe, o ikgantsha thata, e bong boikgogomoso jwa gagwe le boikgodiso jwa gagwe le matepe a gagwe le go itlotla ga pelo ya gagwe.”

30 Morenaa re: “Ke itse kgalefo ya gagwe le maipelafatso a gagwe a maaka. Ba dirile ka bolotsana.

31 Ka moo ke tla goa ka ntlha ya Moabe, ke lelela Bamoabe botlhe, ke fegelwa ka ntlha ya banna ba Kirerese.

32 Lona ditlhare tsa moweine tsa Sibema, ke lo lelela bogolo go Jasere. Dikala tsa lona di tshetse lewatle, tsa fitlha kwa lewatleng la Jasere. Mosenyi o wetse maungo a lona a letlhafula le maungo a ditlhare tsa moweine.

33 Go tlositswe boitumelo le lethabo mo tshimong ya ditlhare le mo lefatsheng la Moabe. Ke fedisitse weine mo dikgatelong. Ga ba nke ba e tlhotlha ka mogolokwane. Mogolokwane wa teng ga o tlhole o le monate.

34 “Selelo sa Hešebone se fitlha kwa Eleale le kwa Jahase. Ba utlwatsa dikodu tsa bone go tswa kwa Soare go fitlha kwa Horonaime le kwa Egelathe-wa-boraro. Gonne metsi a Nimerime le ona a tla fetoga sekaka.

35 Mo go Moabe ke tla fedisa yo o tlhatlogelang kwa thoteng ya tlhabelo, a ya go fisetsa modimo wa gagwe maswalo.” O buile jaloMorena.

36 “Ka ntlha ya moo pelo ya me e lelela Moabe jaaka ditlhaka; ee, pelo ya me e lelela banna ba Kirerese jaaka ditlhaka. Kana ba senyegetswe ke leruo le ba neng ba le humile.

37 Gonne botlhe ba beotswe ditlhogo, ditedu tsotlhe di pomilwe; mabogo otlhe a phatsitswe, matheka otlhe a apesitswe masela a bohutsana.

38 Mo ditlhomesong tsotlhe tsa Moabe le mo dipatlelong tsa gagwe go lelelwa baswi fela. Gonne ke pšhwetlakantse Moabe jaaka sejana se se sa kgatlheng ope.”Morenao buile jalo.

39 “Kana o thubakantswe jang ne! Ba goa jang! Kana Moabe o hularetse batho jang ne ka ditlhong! Moabe o tla nna tshotlo le theregiso mo go botlhe ba ba mo tikologong ya gagwe.”

Moabe ga a ka ke a rekegelwa

40 GonneMorenao bua jaana a re: “Bonang, mmaba o tla fofa jaaka lenong, a tsharololela Moabe diphuka tsa gagwe.

41 Metse e thopilwe, dikago tsa phemelo mo dithabeng di fentswe. Ka letsatsi leo dipelo tsa bagale ba Moabe di tla tshwana le pelo ya mosadi yo o segwang ke metlotsedi.

42 Moabe o tla senngwa, a khutla go nna morafe; gonne o ikgodisitse, a tsogelaMorena.

43 Therego le gopo le seru di a go tshwara, wena moagi wa Moabe.” O bua jaloMorena.

44 “Yo o falolang mo theregong o tla wela mo gopong; yo o tswang mo gopong o tla tshwarwa ke seru. Ee, ke tsona tse ke tla di tlisetsang Bamoabe ka ngwaga o ke ba otlang ka ona,” go buaMorena.

45 “Bafaladi ba eme mo moriting wa Hešebone, ba feletswe ke thata. Gonne molelo o dule kwa Hešebone, kgabo ya tswa mo ntlong ya ga Sihone, ya fisa ditlhakore tsa Moabe le diphogo tsa baferetlhi.

46 A tatlhego ya gago wee, wena Moabe! O latlhegile, morafe wa Kamose. Gonne go thopilwe bomorwao e le batshwarwi, bomorwadio ba isiwa mo botshwarong.

47 “Mme e tla re mo malatsing a a tlang, ke buse batshwarwi ba Moabe,” go buaMorena. Tsa ka tlholo ya Moabe di felela fa.