Tatlhego e e tla ka ntlhaang?
1 Yaang le mebila ya Jerusalema,
lo batle mo dipatlelong tsa gagwe;
tlholang lo tlhokomele.
Fa lo fitlhela mongwe a le teng
yo o dirang ka tshiamo,
yo o batlang boammaaruri,
foo ke tla ba itshwarela.
2 Mme le fa ba re:
“Ka bophelo jwaMorena,”
ruri ba ikana ka maaka.
3 Morena, a ga ke re,
matlho a gago a tlhola boikanyo?
O ba otlile,
mme ga ba a utlwa botlhoko.
O ba fedisitse, mme
ba se ka ba tlhabololwa ke kotlo.
Ba kwatlaladitse difatlhego
bogolo go lefika;
ba gana go tlhabologa.
4 Mme ke ne ka re:
“Ke ba maemo a a kwa tlase fela
ba ba dirileng ka bosilo;
gonne ga ba itse tsela yaMorena
le tshiamo ya Modimo wa bona.
5 Ke tla ya kwa go ba bagolo,
ke bua nabo.
Gonne bone ba itse tsela
yaMorenale tshiamo
ya Modimo wa bone.”
Mme bone botlhe
ba ne ba robile joko,
ba kgaotse ditlamo tsa Modimo.
6 Ka lebaka leo tau e e tswang
mo sekgweng e tla ba bolaya;
phiri ya sekaka e tla ba senya,
nkwe e tla lalela metse ya bone.
Mongwe le mongwe
yo o tswelang kwa ntle ga yona
o tla gagoganngwa.
Gonne maleo a bone a mantsi.
Boikepo jwa bone bo bogolo.
7 “Nka go itshwarela
ka ntlha ya eng?
Bomorwao ba ntlogetse,
ba ikana ka tse e seng Modimo.
Mme ya re ke sena go ba
kgorisa, ba senya nyalo,
ba kgobokana mo ntlong
ya boaka.
8 Ba fetogile dipheke tsa dipitse
tse di nonneng,
tse di kgarakgatshegang.
Mongwe le mongwe o lelela
mosadi wa mongwe-ka-ene.
9 Jaanong a ga ke na go ba betsa
ka ntlha ya dilo tseo?”
go botsaMorena.
“Mowa wa me a ga o na
go ipusolosetsa mo setšhabeng
se se tshwanang le se?
10 Palamang mo dipoteng
tsa Jerusalema, lo mo senye!
Mme lo se ka
lwa mo nyeleletsa ruri!
Kgaolang dikala tsa gagwe
tsa moweine,
gonne ga se tsaMorena.
11 Gonne ba lotso lwa Iseraele
le ba lotso lwa Juta
ba ntiretse ka boikanyologo
jo bogolo,” go buaMorena.
Morena o latlha Iseraele
12 Ba itatotseMorenaba re: “Ga se ene! Tatlhego ga e na go re wela. Ga re kitla re bona tšhaka le tlala.
13 Mme baporofeti ba tla fetoga phefo fela. Lefoko laMorenaga le yo mo go bone. A bone ba dirafalelwe ke tse di ntseng jalo!”
14 Ke ka mooMorena, Modimo wa masomosomo, a buang jaana a re: “E re ka ba buile lefoko leo, bona, ke tla dira mafoko a me a a mo molomong wa gago molelo le morafe o dikgong, mme o tla ba nyeletsa.
15 “Bonang, lona Baiseraele, ke tla tlisa setšhaba se se tswang kgakala kwa go lona. Go buaMorena. Ke setšhaba se se tiileng, ke setšhaba sa bogologolo, ke setšhaba se lo sa itseng puo ya sona, lo sa utlwe se se se buang.
16 Mokotlopo wa metsu ya sona o tshwana le lebitla le le bulegileng; setšhaba sotlhe ke bagale fela.
17 Ba tla ja kotulo ya gago le dijo tsa gago, ba fedisa bomorwao le bomorwadio, ba ja dinku tsa gago le dikgomo tsa gago, ba ja moweine wa gago le difeie tsa gago; metse e e femetsweng e o e ikanyang ba tla e thuba ka tšhaka.
18 “Mme le mo malatsing ao ga nkitla ke le fedisetsa ruri,” go buaMorena.
19 “Jaanong fa lo ka botsa lo re: ‘Ke ka ntlha ya eng, faMorena, Modimo wa rona, a re direla tse tsotlhe tse?’ o ba ree o re: ‘E re ka lo ntlogetse, lwa direla medimo e sele mo lefatsheng la lona, lo na le go direla baeng mo lefatsheng le e seng la lona.’ ”
Morena o tlhagisa morafe wa gagwe
20 “Itsiseng mafoko a mo lotsong lwa Jakobe, a utlwatseng mo go Juta lo re:
21 A ko lo utlwe, lona dieleele tse di se nang tlhaloganyo! – Ba na le matlho, mme ga ba bone; ba na le ditsebe, mme ga ba utlwe.
22 A ga lo a tshwanela go mpoifa?” go botsaMorena. “A ga lo a tshwanela go tetesela fa pele ga sefatlhego sa me? Kana ke dirile motlhaba molelwane wa lewatle, e le logora lo lo sa khutleng, lo le sa lo tloleng; le fa le huduega, ga le kgone sepe; le fa dintelo tsa lone di suma, ga di lo tlole.
23 Mme batho ba, ba na le dipelo tse di feretlhegang, tse di rukhutlhegang. Ba fapogile, ba itsamaela.
24 Ga ba a ka ba akanya mo pelong ba re: ‘A re boifengMorena, Modimo wa rona, yo o nesang pula, pula ya sephai le pula ya tlhakola-modula, mo sebakeng sa yona; yo o re bolokelang dibeke tse di tlhomameng tsa thobo!’
25 Ditshiamololo tsa lona di fapositse dilo tseo; maleo a lona a lo timile lesego.
26 “Gonne go fitlhelwa ba ba pelompe mo morafeng wa me; ba lalela batho jaaka ba ba thayang dinonyane, ba konama, ba baakanya gopo, ba ba tshwara.
27 Matlo a bone a tletse bonokwane jaaka serobi se tletse dinonyane. Ke ka moo ba duleng ba bagolo, ba huma.
28 Ba nonne, ba a phatsima. Ba ikgantsha ka dipolelo tse dimpe. Ga ba re sepe ka tshiamo; ga ba emele tshiamo ya masiela gore a tswelele pele. Kgang ya bahumanegi ga ba e seke.
29 “Jaanong a ga ke na go ba betsa ka ntlha ya dilo tseo?” go botsaMorena. “Mowa wa me a ga o na go ipusolosetsa mo setšhabeng se se tshwanang le se?
30 Go dirafetse dilo tse di boitshegang le tsa maila mo lefatsheng:
31 Baporofeti ba rutile lefoko la Modimo ka maaka, baperesiti ba goga nabo, mme morafe wa me o rata tse di ntseng jalo. Mme lo tla dira eng, fa dilo tseo di feleletse?