Ka ga go thopiwa le go senngwa ga Jerusalema
1 Setekia o ne a le dinyaga di le 21, fa a tsena mo bogosing. O ne a busa dinyaga di le 11 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale, morwadia Jeremia wa kwa Lebena.
2 A dira tse di sa siamang mo matlhong aMorenafela jaaka go dirile Joyakime.
3 Gonne tseo di dirafaletse Jerusalema le Juta ka ntlha ya bogale jwaMorena, go fitlhelela a ba latlha fa pele ga gagwe. p Mme Setekia a tlhanogela kgosi ya Babele.
4 E rile ka ngwaga wa robongwe wa puso ya gagwe ka letsatsi la lesome la kgwedi ya lesome, ga tla Nebukatenesare, kgosi ya Babele, kwa Jerusalema, a na le mephato yotlhe ya batlhabani ba gagwe; ba mo dikanyetsa ka ntwa, ba aga dikago tsa tlhaselo mo tikologong ya gagwe.
5 Motse wa nna wa dikanyediwa jalo ke ntwa go ya ngwageng wa 11 wa kgosi Setekia.
6 Ka la robongwe la kgwedi ya bone tlala ya nna e kgolo mo motseng; batho ba ba tswang kwa nageng ba tlhoka dijo.
7 Ke fa ba sutlhelela mo motseng. Batlhabani botlhe ba tshaba, ba tswa mo motseng bosigo ka tsela ya kgoro e e fa gare ga dipota tse pedi, e e fa tshimong ya kgosi – Bakalatea ba ntse ba dikanyeditse motse – ba tshaba ka tsela e e yang kwa Lebaleng la Joretane.
8 Mme batlhabani ba Bakalatea ba latelela kgosi Setekia, ba mo tshwarela mo nageng ya Jerigo. Ke fa batlhabani botlhe ba gagwe ba phatlalala, ba mo tshabela.
9 Bakalatea ba tshwara kgosi, ba e isa kwa kgosing ya Babele kwa Ribela mo nageng ya Hamathe; yona ya e atlholela petso teng.
10 Kgosi ya Babele ya bolaya bomorwa Setekia fa pele ga matlho a gagwe; le gona ya bolaya dikgosana tsotlhe tsa Juta kwa Ribela.
11 Setekia ene kgosi ya Babele ya mo foufatsa, ya mmofa ka dikeetane, ya mo isa kwa Babele, ya mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo go fitlhelela letsatsing la loso la gagwe.
Tempele e a senngwa
12 Ka ngwaga wa 19 wa puso ya ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, ka kgwedi ya botlhano e le some, ga tla Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, yo e leng modiredi wa kgosi ya Babele, a fitlha kwa Jerusalema.
13 A fisa Ntlo yaMorenale ntlo ya kgosi le matlo otlhe a Jerusalema; a fisa matlo a magolo otlhe ka molelo.
14 Dipota tsotlhe tse di mo tikologong ya Jerusalema tsa digwa ke batlhabani botlhe ba Bakalatea ba ba nang le molaodi wa bafemedi ba kgosi.
15 Fa e le bahumanegi bangwe ba morafe le masalela a batho ba ba setseng mo motseng le bathobi ba ba ineetseng kgosi ya Babele le masalela a ditswerere: Botlhe bao Nebusaratane, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a ba isa mo botshwarong.
16 Mme fa e le bahumanegi ba kwa nageng, bangwe ba bone, Nebusaratane, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a ba sadisa go nna balemi ba masimo a moweine le ba masimo a mangwe.
17 Maotwana a kgotlho a a neng a le fa Ntlong yaMorenale dikolotsana tsa tlhatswetso le “lewatle” la kgotlho, tse di neng di le fa Ntlong yaMorena, Bakalatea ba di thubaganya, ba isa kgotlho ya tsona kwa Babele.
18 Le gona ba tsaya dipitsa le diolola-melora le dithipa le megopo e e kgatshetsang le maso le dijana tse tsotlhe tsa kgotlho, tse ba neng ba dira ka tsona mo tirelong-Modimo.
19 Molaodi wa bafemedi ba kgosi, ene a tsaya megotšwana le dikgamelo tsa molora le megopo e e kgatshetsang le dipitsa le ditlhomo tsa dipone le maswana le dipitsana, e bong tsotlhe tse e leng gouta fela le tsotlhe tse e leng selefera fela.
20 Maotwana a mabedi le “lewatle” le dikgomo di le 12 tsa kgotlho, tse di neng di le rwele le dikolotsana tsa tlhatswetso tse kgosi Salomo o neng a di diretse Ntlo yaMorena– bokete jwa kgotlho ya dilo tse tsotlhe tse ba palelwa ke go bo lekanya.
21 Fa e le maotwana, bogodimo jwa ona e ne e le jwa mabogo a le 18; mogala wa mabogo a le 12 o ne o kopanya le le lengwe; bokima jwa lobota lwa lone e ne e le bophara jwa menwana e mene, le ne le le logapa ka mo teng.
22 Leotwana le ne le na le tlhogo ya lone ya kgotlho; bogodimo jwa tlhogo e ne e le jwa mabogo a le matlhano. Tharaanyo ya digaranata e ne e kgabisa tlhogo mo tikologong, e le ya kgotlho yotlhe. Leotwana la bobedi le ne le kgabisitswe fela jalo; digaranata le tsona di le mo go lone.
23 Diagaranata tse di bonalang di ne di le 96. Digaranata tsotlhe tse di mo tharaanyong tikologong di ne di le lekgolo.
Bajuta ba isiwa kwa Babele
24 Le gona molaodi wa bafemedi ba kgosi a tsaya Seraya, moperesiti yo mogolo, le Sefanya, moperesiti wa bobedi, le badisa ba bararo ba mejako.
25 Mo motseng a tsaya mongwe wa badiredi ba lapa la kgosi, yo e neng e le mookamedi wa batlhabani, le banna ba ba supang ba kgosing ba ba fitlhetsweng mo motseng, le mokwaledi wa molaodi wa batlhabani, yo o neng a kua mephato ya batlhabani mo bathong ba lefatshe, le banna ba le 60 ba kwa nageng ba ba fitlhetsweng mo teng ga motse:
26 Bona bao Nebusaratane, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a ba tsaya, a ba isa kwa kgosing ya Babele kwa motseng wa Ribela.
27 Mme kgosi ya Babele ya ba itaya, ya ba bolaela kwa Ribela mo nageng ya Hamathe.
Ka mokgwa oo Bajuta ba ne ba ntshiwa mo lefatsheng la bone.
28 Batho ba Nebukatenesare o ba isitseng mo botshwarong ka ngwaga wa bosupa e ne e le Bajuta ba le 3 023.
29 Ka ngwaga wa 18 wa puso ya ga Nebukatenesare go tlosiwa bale 832.
30 Ka ngwaga wa 23 wa puso ya ga Nebukatenesare Nebusaratane, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a isa Bajuta ba le 745 mo botshwarong. Botlhe mmogo e ne e le 4 600.
31 Jaanong e rile Joyagine, kgosi ya Juta, a sena go fetsa dinyaga di le 37 a ntse a le mo kgolegong, ka kgwedi ya 12 e le 25, Ewile-Merotage, kgosi ya Babele, a tlhomogela Joyagine, kgosi ya Juta, pelo, a mo ntsha mo ntlong ya kgolegelo. E ne e le ka ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe.
32 A bua nae ka bopelonomi, sedulo sa gagwe sa bogosi a se okamisa ditulo tsa dikgosi tse di neng di na nae kwa Babele.
33 A ba a mo apola diaparo tsa kgolego, a mo apesa tsa tlotlo, a ja dijo kwa kgosing ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe.
34 Tse a phelang ka tsona o ne a di fiwa ke kgosi ya Babele ka botlalo ka fa go batlegang ka teng ka letsatsi lengwe le lengwe, ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe go fitlhelela letsatsing la loso lwa gagwe.