Taelo ya Modimo e e lebileng Ethiopia
1 A tatlhego wee ya lefatshe la mosumo wa diphuka le le kwa moseja ga dinoka tsa Ethiopia!
2 Le le romang barongwi mo lewatleng ka mekoro ya matlhaka e e tsamayang mo metsing. Lona barongwi ba ba lebelo, yaang kwa setšhabeng sa batho ba baleele ba ba phatsimang letlalo, kwa morafeng o o boifiwang mo ntlheng tsotlhe, o o laolang thata, o o gatelelang, o lefatshe la ona le kgaoganngwang ke dinoka.
3 Lona baagi botlhe mo lefatsheng, lona banni ba lefatshe! E re fa sefoka se tlhongwa mo dithabeng, lebang! Fa lonaka lo lediwa, utlwelelang!
4 GonneMorenao buile le nna jaana a re: “Ke tla leba ke iketlile ke le mo mannong a me jaaka bolelo jo bo tsabakelang mo phatsimong ya letsatsi le jaaka leru la monyo mo bolelong jwa kotulo.
5 Gonne e tla re thobo e ise e tle, fa dithunya di sena go tlhotlhorega, fa di fetoga maungo a moweine a a butswang, a kgaole dikala ka dithipa, a tlokotle matlhogela, a a tlose.
6 Botlhe ba tla tlogelelwa manong a dithaba le dibata tsa lefatshe. Manong a tla nna mo go bone selemo, dibata tsotlhe di tla nna mo go bone mariga.”
7 Ka sebaka seo neo e tla isediwaMorenawa masomosomo kwa felong ga leina laMorenawa masomosomo, kwa thabeng ya Sione; e tswa kwa morafeng wa batho ba baleele ba ba phatsimang letlalo, kwa morafeng o o boifiwang mo ntlheng tsotlhe, kwa setšhabeng se se laolang thata, se se gatelelang, se lefatshe la sona le kgaoganngwang ke dinoka.