Pako ya Morena yo o fenyang baba le go pholosa ba gagwe
1 Morena, o Modimo wa me!
Ke tla go tumisa,
ke baka leina la gago;
gonne o dirafaditse dikgakgamatso,
e leng maikaelelo a kgale
a a ikanyegang a boammaaruri.
2 Gonne o fetotse motse
mokoa wa matlapa;
motse o o femetsweng
o o fetotse marope.
Matlo a borena a baikepi
ga e tlhole e le motse;
ga o na go agiwa gape
ka bosakhutleng.
3 Ka ntlha ya moo
morafe o o tiileng
o tla go galaletsa;
motse wa ditšhaba
tse di gatelelang
o tla go boifa.
4 Gonne o no o le thata
ya yo o bokoa
le phemelo ya mohumanegi
mo tlalelong ya gagwe
le botshabelo mo puleng
ya matsubutsubu
le moriti mo bolelong
jwa letsatsi.
Gonne theregiso ya barena
ba ba setlhogo
e tshwana le pula
ya matsubutsubu mo loboteng;
5 e tshwana le bolelo jwa naga
e e omeletseng.
O kokobeditse modumo
wa baikepi jaaka bolelo
bo fokodiwa ke moriti wa leru;
wa didimatsa sebôkô sa barena
ba ba peloethata.
Moletlo wa merafe mo Sione
6 Morenawa masomosomo o tla etleeletsa merafe yotlhe moletlo wa dijo tse di mafura mo thabeng e; moletlo wa weine e e itshekileng, wa tse di mafura tse di tletseng moko, wa weine e e buduleng sentle.
7 Le gona mo thabeng e o tla nyeletsa lesire le le adilweng godimo ga merafe yotlhe, le kobo e ditšhaba tsotlhe di bipilweng ka yona.
8 O tla nyeletsa loso ka go sa feleng. Modimo, Morena o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe, a tlosa kgobo ya morafe wa gagwe mo lefatsheng lotlhe. GonneMorenao buile jalo.
9 Mo metlheng eo ba tla re: “Bonang, Modimo wa rona ke oo, o re neng re solofela mo go ona gore o re pholose.Morenake yoo, yo re neng re mo lebeletse. Jaanong a re duduetseng, re itumelele thuso ya gagwe!”
Modimo o tla betsa Moabe
10 Gonne seatla saMorenase tla nna mo thabeng e, mme Moabe o tla gatakelwa fa fatshe mo felong ga gagwe jaaka go gatakwa dikokole mo metsing a kgatampi ya malôkô.
11 Le fa a phutholola mabogo a le mo teng jaaka mothumi a a phutholola a ntse a šapa,Morenao tla mo gatelela, le fa ene a ntse a leka go tswa, a itapisa mabogo.
12 Phemelo ya dipota tsa gagwe tse di godimoMorenao tla e diga, a e kokobetsa, a e digela fa fatshe mo leroleng.