Go bakwa Modimo o e leng Moatlhodi le Mopholosi
1 Mo metlheng eo go tla opelwa sefela mo lefatsheng la Juta se se reng:
Re na le motse o o thata.
Morenao beile pholoso
gore e nne dithako le phemelo.
2 Bulang dikgoro
gore go tsene setšhaba
se se siameng
se se bolokang boikanyo.
3 Yo o pelo e tlhomameng,
ò tla mmoloka mo kagisong,
gonne o a go ikanya.
4 IkanyengMorenaka gale,
gonneMorenake lefika
la bosakhutleng.
5 Ee, o folositse
ba ba agileng kwa godimo,
eleng motse o o mo kokamong,
a o diga, a o digela fa fatshe,
a o usetsa mo leroleng
6 gore o gatakwe ka maoto,
ka maoto a babogisegi,
ka dikgato
tsa ba ba sa tlotlegeng.
7 Tsela ya mosiami e mo lebaleng;
ò tla baakanyetsa mosiami
tselana e e tlhamaletseng.
8 Morena, re go lebeletse le mo
ditseleng tsa dikatlholo tsa gago;
mewa ya rona e tlhologeletswe
leina la gago le tumiso ya gago.
9 Ke go tlhologeletswe bosigo
ka pelo ya me,
ee, ke go batla ka mowa
o o mo teng ga me.
Gonne fa dipetso tsa gago
di tla mo lefatsheng,
baagi ba lefatshe
ba ka ithuta tshiamo.
10 Mme fa moikepi a itshwarelwa,
ga a ithute tshiamo;
o tla siamolola
mo lefatsheng la tshiamo,
a sa bone bogolo jwaMorena.
11 Morena,
fa letsogo la gago le tsholeditswe,
ga ba le bone.
E tla re o tlhoafalela morafe,
ba le bone,
ba tlhajwe ke ditlhong;
le gona molelo o o fisang
baba ba gago o tla ba nyeletsa.
12 Morena, ò tla re direla kagiso,
gonne ditiro tsotlhe tsa rona
le tsona ò di re feleditse.
13 Morena, Modimo wa rona,
barena ba bangwe ba ne
ba re busa kwa ntle ga gago,
mme rona re boka leina la gago
le le losi fela.
14 Baswi ba bone
ga ba nke ba phela;
ba ba suleng ga ba nke ba rula.
Ka moo o ba beditse,
wa ba nyeletsa jalo,
wa fedisa
go ba gakologelwa gotlhe.
15 O atisitse setšhaba,Morena,
o atisitse setšhaba;
o ikgalaleditse, o katositse
melelwane yotlhe ya lefatshe.
16 Morena, ba ne ba go batla
ba le mo tlalelong;
ya re o ba otla,
ba rapela ba le mo pitlaganong.
17 Mosadi yo moimana,
yo o gaufi le go belega,
o segwa ke metlotsedi,
o lela mo matlhokong a gagwe.
Le rona re ne re ntse jalo
fa pele ga gago,Morena.
18 Re ne re le baimana,
ra segwa ke metlotsedi,
mme ya re re belega,
ya bo e le phefo fela,
mme re sa direle lefatshe
thuso epe;
baagi ba lefatshe ba sa tsalwe.
19 Mme baswi ba gago ba tla phela,
ditoto tsa me di tla tsoga.
Ba ba agileng mo leroleng
ba tla rula, ba duduetsa.
Gonne monyo wa gago
ke monyo wa masedi,
mme lefatshe le tla ntshetsa
baswi mo bophelong.
Katlholo le tsoso
20 Morafe wa me, yaang lo tsene mo matlwaneng a lona, lo tswale ditswalo tsa lona fa morago ga lona, lo iphitlhe nakonyana, go tsamaya kgalefo e be e fete.
21 Gonne bonang,Morenao tla akofa a tswa mo felong ga gagwe gore a beletse baagi ba lefatshe boikepo jwa bone. Foo lefatshe le tla bipolola madi a a mo go lone, le sa tlhole le bipa ba ba bolaetsweng mo go lone.