Kgalalelo ya morafe wa Modimo ba sena go itshokela dipogiso
1 A sekaka se itumele le naga
e e omeletseng!
A leboa le duduetse,
le thunye jaaka sešeše!
2 Ee, le tla thunya, le duduetsa.
Le gona le tla ipela, le duduetsa.
Le filwe kgalalelo ya Lebanone
le bontle jwa Karemele
le jwa Sarone.
Bone bale ba tla bona kgalalelo
yaMorenale bontle
jwa Modimo wa rona.
3 Nonotshang diatla
tse di repileng!
Tiisang mangwele
a a kgwetlhang!
4 Rayang ba ba pelo-di-boi lo re:
“Gomotsegang, se boifeng!
Bonang, Modimo wa lona ke ole.
O e tla go busolosa.
Tefetso ya Modimo e e tla.
O e tla ka osi, o tla re thusa.”
5 Foo matlho a difofu
a tla foufologa,
ditsebe tsa disusu
di tla kabologa.
6 Foo ditlhotsi di tla tlola
jaaka tshephe.
Loleme lwa semumu
lo tla duduetsa.
Metsi a tla phunyega
mo sekakeng,
dinoka di ela mo nageng
e e omeletseng.
7 Motlhaba o o fisang
o tla fetoga letsha.
Naga e e omeletseng
e tla fetoga metswedi ya metsi.
Mo felong fa diphokojwe di neng
di robala teng go tla nna
motlhaka le motlhatlha.
8 Go tla nna mmila o mogolo
teng le tsela e e bidiwang
tsela e e boitshepo.
Ga e na go gatwa ke ope
yo o kgotlelegileng.
Ke ya bone
ba ba tsamayang mo go yona;
mme le fa e le masilo,
ga a nke a timela.
9 Go tla bo go se na tau teng;
dibata tse di garolang,
ga di kitla di e gata,
le e seng go fitlhelwa teng,
mme ba ba pholositsweng
ba tsamaya mo go yona.
10 Ba ba rekolotsweng baMorena
ba tla boa,
ba fitlha mo Sione ka tuduetso.
Boitumelo jo bo sa khutleng
bo tla okama ditlhogo tsa bone.
Ba tla nna mo boitumelelong
le mo lethabong.
Bohutsana le diphegelo
di tla tshabela kgakala.