Barongwi ba kgosi ya Babele ba kwa Jerusalema
1 E rile ka sebaka seo Merotage-Balatane, morwa Balatane, kgosi ya Babele, a romela dikwalo le dineo kwa go Hesekia; gonne o ne a utlwile, fa a ne a lwala, a ba a fola gape.
2 Mme Hesekia a itumelela barongwi, a ba bontsha ntlo ya mahumo a gagwe, e bong selefera le gouta le tse di nkgang monate le lookwane lo lo molemo le ntlo yotlhe ya marumo a gagwe le dilo tsotlhe tse di leng teng mo mahumong a gagwe, mme go se na sepe mo ntlong ya ga Hesekia le mo pusong yotlhe ya gagwe se a se kang a se ba supetsa.
3 Ke fa moporofeti Jesaya a tla kwa go kgosi Hesekia, a mmotsa a re: “Ba reng banna ba? Ba tlile kwa go wena, ba tswa kae?”
Hesekia a araba a re: “Ba tlile kwa go nna ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala la Babele.”
4 A ba a botsa re: “Ba bonye eng mo ntlong ya gago?” Hesekia a araba a re: “Ba bonye tsotlhe tse di mo ntlong ya me. Ga go na sepe mo mahumong a me se ke sa se ba bontshang.”
5 Ke fa Jesaya a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko laMorenawa masomosomo:
6 ‘Bona, malatsi a tla tla, mogang tsotlhe tse di mo ntlong ya gago le tse borraago ba di phuthileng go fitlha kajeno di isiwang kwa Babele, go sa tlogelwe sepe, go buaMorena.
7 Mme ba tla tsaya bangwe ba bana ba gago, ba ba tla tswang mo go wena, ba o tla ba tsalang, mme e tla nna batlhanka mo ntlong ya borena ya kgosi ya Babele.’ ”
8 Ke fa Hesekia a raya Jesaya a re: “Lefoko laMorenale o le buileng le molemo.” A ba a re: “Kana, go tla nna kagiso le boikanyego mo malatsing a me.”