JESAYA 40

Kgomotso ya Modimo o o leng mogolo go gaisa medimo yotlhe

1 “Gomotsang, gomotsang

morafe wa me!”

Modimo wa lona o buile jalo.

2 “Buang le Jerusalema

tse di nametsang pelo,

lo mo tlhabele mokgosi o o reng:

Botshwaro jwa gagwe bo fedile;

molato wa gagwe o itshwaretswe;

o amogetse gabedi mo seatleng

saMorenaka ntlha

ya maleo otlhe a gagwe.”

3 Lentswe la yo o bitsang la re:

“Baakanyang tsela yaMorena

mo nageng,

lo siamisetse Modimo wa rona

tsela e kgolo mo sekakeng!

4 A dikhuti tsotlhe di katelwe!

A dithaba tsotlhe le dithabana

di kokobele!

A naga e e magwata

e rethefale!

A mebotwana e nne leboa.

5 Foo kgalalelo yaMorena

e tla bonala,

e bonwa ke batho botlhe mmogo.

Gonne molomo waMorena

o buile jalo.”

6 Lentswe la re: “Goa!”

Ka re: “Ke goe eng?”

Goa o re: “Batho botlhe

ke bojang.

Bontle jotlhe jwa bone

bo tshwana le sethunya sa naga!

7 Bojang bo a omelela,

sethunya se swabe,

fa mowa waMorena

o di budula.

Ka nnete, morafe ke bojang.

8 Bojang bo a omelela,

sethunya se swabe.

Mme Lefoko la Modimo

wa rona lone le tlhomame

ka bosakhutleng.”

9 Sione,

motlhaba-mokgosi wa boitumelo,

palama mo thabeng e e godimo;

Jerusalema,

motlhaba-mokgosi wa boitumelo,

tlhatlosa lentswe ka thata,

o le tsholetse, o se boife,

o ree metse ya Juta o re:

“Bonang,

Modimo wa lona ke o!”

10 Bonang,

Morena Modimo o e tla

a le thata;

letsogo la gagwe le a busa.

Bonang, o na le tuelo ya gagwe;

papadi ya gagwe

e mo etelela pele.

11 O fudisa letsomane la gagwe

jaaka modisa;

o phutha dikwana ka letsogo,

a di tshola mo sehubeng,

a iketlisa tse di amusang.

Modimo ke a le mongwe fela

12 Ke mang yo o lekanyang

metsi a lewatle

ka khuti ya seatla sa gagwe,

a lekanya legodimo

ka boatlhamo jwa seatla?

Ke mang yo o ka tsholang mmu

otlhe wa lefatshe mo tlatlaneng,

a lekanya dithaba ka sekale,

le dithota ka seelo?

13 Ke mang yo o fokisang

Mowa waMorena?

Ke mang yo o ka mo rutang,

a nna mogakolodi wa gagwe?

14 O gakololanye le mang

gore a mo tlhaloganyetse,

a mo rute tsela ya tshiamo,

a mo rute kitso,

a mo supetse tsela ya ditemogo?

15 Bonang, ditšhaba tsotlhe

di tshwana le lerothodi

le le mo segelelong;

di kaiwa lerojana fela

le le mo selekanyetsong.

Bonang, o kuka ditlhakatlhake

jaaka mmunyana.

16 Dikgong tsa Lebanone

ga di a lekana go gotsa molelo;

diphologolo tsa gagwe

ga di a lekana setlhabelo.

17 Ditšhaba tsotlhe

e kete ga se sepe

fa pele ga gagwe.

O di kaya lefelafela,

ga a di kaye sepe.

18 Jaanong lo ka tshwantshanya

Modimo le mang?

Lo tla bapisa setshwano sefe

nao?

19 Setswerere se bopa modimo

wa seseto,

mothudi o o manega gouta,

a o direla dikeetane tsa selefera.

20 Motlhoki yo o palelwang

ke tirelo-modimo e e ntseng jalo

o itlhophela setlhare

se se sa boleng,

a ipatlela setswerere

se se maatlametlo

gore se betle modimo wa seseto

o o sa reketleng.

21 A ga lo itse?

A ga lo ise lo utlwe?

A ga lo a itsisiwe

go tswa tshimologong?

A ga lo a tlhaloganya

go tswa tlholegong ya lefatshe?

22 Ke ene yo o dutseng

a okame tikologo ya lefatshe

– baagi ba lone

ba tshwana le tsie fela –

yo o phuthololang legodimo

jaaka lesire,

a le tsharolola jaaka tente

e ba nnang mo go yona.

23 O nyeletsa barena, a fetole

baatlhodi ba lefatshe lefelafela.

24 E a re ba tlhongwa,

e re ba jwalwa,

e re ka nako kutu tsa bone

di namelang medi mo fatsheng,

a ba budule, ba be ba omelele,

mme ledimo le ba gogole

jaaka moko.

25 “Jaanong he,

lo tla ntshwantshanya le mang,

yo ke tshwanang nae?”

Moitshepi o botsa jalo.

26 Tsholetsang matlho, lo lelale!

Ke mang

yo o tlhodileng dilo tsele?

Ke ene yo o bolotsang

lesomo la tsona ka palo,

a di bitsa tsotlhe ka maina.

E re ka a na le thata e kgolo,

ka e le senatla se se nonofileng,

ga go tlhokafale sepe sa tsona.

27 Jaanong ke ka ntlha ya eng,

fa o bua,

Jakobe, wena Iseraele

o bolela o re:

“Tsela ya me e fitlhegetse

Morena, tshiamelo ya me

ga e tlhokomelwe

ke Modimo wa me”?

28 A o ne o sa itse,

gongwe a ga o ise o utlwe,

faMorenae le Modimo

o o sa khutleng,

o o tlhodileng

makhutlo a lefatshe?

Ga a lape, ga a felelwe ke thata;

tlhaloganyo ya gagwe

ga e tlhotlhomisiwe.

29 O naya yo o lapileng thata,

a ntsifaletsa yo o bokoa nonofo.

30 Makau a a lapa,

a felelwa ke thata;

bagale ba a kgotšwa, ba a wa.

31 Mme ba ba lebeletsengMorena

ba ntse ba fiwa thata e ntšhwa;

ba tla tlhatloga ka diphuka

jaaka bontsu;

ba tla taboga, ba sa lape;

ba tsamaya, ba sa fele thata.