JESAYA 41

Modimo o tla thusa Baiseraele ka kgosi Korese

1 Lona ditlhakatlhake,

ntheetseng ka tidimalo;

lona merafe,

a thata ya lona e ntšhwafale!

A ba atamele, ba fete ba bue!

A re tseneng mmogo

mo tshekong!

2 Ke mang yo o mo tsositseng

kwa botlhabatsatsi

yo o bonang phenyo gongwe

le gongwe fa a gatang teng?

Ke mang

yo o mo neelang ditšhaba

gore a gatake dikgosi?

Ke mang yo o ba neelang

mo tšhakeng ya gagwe

gore ba tshwane le lerole,

le mo boreng jwa gagwe

gore ba tshwane le moko

o o gogolwang?

3 O a ba leleka, a fetela pele,

a sa kgorelediwe ke ope;

ga a ame tsela ka dinao tsa

gagwe.

4 Ke mang yo o ikaeletseng tseo,

a ba a di dirafatsa?

Ke yo o bitsang ditshika tsa batho

go tswa tshimologong;

ke nnaMorenake le wa ntlha;

le mo go ba bofelo

e ntse e le nna.

5 E rile ditlhakatlhake

di bona tseo, tsa boifa;

dikhutlo tsa lefatshe tsa roroma,

tsa atamela, tsa tla.

6 Ba a thusanya, ba a raana ba re:

“Tiang!”

7 Mmetli a nametsa yo o batolang

mo sethulelong a re:

“Se re se lomantseng

ke se se molemo.”

A feta a se kokotela ka dimapo

gore se se ka sa reketla.

8 “Mme wena Iseraele,

motlhanka wa me;

wena Jakobe,

yo ke go itlhaoletseng;

losika lwa ga Aborahame,

tsala ya me;

9 wena yo ke go tsereng

kwa makhutlong a lefatshe,

ka go bitsa

go tswa kwa thoko ga lone,

ka go raya ka re:

‘O motlhanka wa me!’

Ke go itlhaoletse,

ga ke a go nyatsa.

10 Se boife, gonne ke na nao!

Se tlalelwe,

gonne ke Modimo wa gago!

Ke a go tiisa, ee, ke a go thusa,

ee, ke go tshegeditse ka letsogo

la me le le jang le le pholosang.

11 Bona, botlhe

ba ba go gakaletseng

ba tla tlhajwa ke ditlhong,

ba nyatsega;

banna ba ba lwang nao

ba tla nyelela, ba latlhega.

12 O tla batla banna

ba ba lwang nao,

mme ga o no o ba bona;

banna ba ba tlhabanang nao

ba tla fela,

ba fetoga lefelafela.

13 Gonne nnaMorena

ke Modimo wa gago;

ke go tshwara letsogong

le le jang,

ke go raya ke re:

‘Se boife, ke a go thusa!’ ”

14 Se boife, wena sebokwana

sa Jakobe, le wena morafenyana

wa Iseraele!Morenaa re:

“Ke a go thusa.

Mogolodi wa gago

ke Moitshepi wa Iseraele.

15 Bona, ke go dira sephothi

se sešwa

se se bogale se se meno a mantsi;

o tla photha dithaba, o di sila,

o fetola meboto moko.

16 O tla di fefera;

phefo e tla di gogola,

ledimo le di phatlalatsa,

mme wena

o tla dudueletsaMorena,

o itumisa

ka Moitshepi wa Iseraele.

17 “Babogisegi le bahumanegi

ba batla metsi, mme ba a tlhoka;

diteme tsa bone

di omeletse ka lenyora:

Ke nnaMorena

ke tla ba utlwang;

nna Modimo wa Iseraele,

ga nkitla ke ba tlogela.

18 Ke tla phunya dinoka

mo dithoteng tse di iphotlhereng

le didiba mo maboeng;

sekaka ke tla se dira

letsha la metsi,

le naga e e omileng e tla tswa

metswedi.

19 Ke tla tlhoma mesetere le meoka

le metlhakolane le metlhware

mo sekakeng;

ke jwala mmogo ditlhare tsa

mesiperese le tsa palatane le tsa paina

mo leboeng,

20 gore botlhe ba bone, ba itse,

ba ele tlhoko, ba tlhaloganye,

fa e le seatla saMorena

se se dirileng jalo;

fa e le Moitshepi wa Iseraele

yo o di tlhodileng.”

Phadisanyo ya Modimo le medimo

21 “Lona medimo,

tlisang kgang ya lona!”

Morenao bua jalo.

“Atametsang mabaka a a thata

a lona!”

Kgosi ya ga Jakobe e bua jalo.

22 “A e atamele,

e re itsise tse di tla dirafalang!

Re itsiseng tse di dirafetseng

mo metlheng ya pele

gore ke tse dife,

gore re di ele tlhoko,

re itse bokhutlo jwa tsona.

Gongwe re utlwiseng

tse di tla dirafalang.

23 Re itsiseng tse di tla dirafalang

kwa pele,

gore re tle re itse

fa lo le medimo!

Ee, dirang tiro e le nngwe fela,

e e molemo le fa e le e e bosula,

gore re gakgamale,

re e bone rotlhe.

24 Bonang, lona ga lo ba sepe;

le tiro ya lona ga se ya sepe.

Yo o lo itlhaolelang o maila.

25 “Mme nna ke tsositse

kwa bokone yo o tsileng,

le kwa botlhabatsatsi

yo o tla rapelang leina la me

gore a gatake barena ba bagolo

jaaka mmopa

le jaaka mmopi a duba letsopa.

26 Ke mang yo o itsisitseng jalo

go tswa mo tshimologong

gore re tle re itse;

le go tswa kgale

gore re tle re bue re re:

‘O mo nneteng’?

Kana, go ne go se ope

yo o itsiseng,

go se ope yo o utlwisang,

go se ope yo o utlwang

mafoko a lona!

27 Ke nna wa ntlha ke itsisitseng

Sione jalo ka re, ke tseo;

ka naya Jerusalema

motlhaba-mokgosi

wa boitumelo.

28 Mme ya re ke leba tikologong,

ga bo go se ope le mo go bale;

mme go se na bagakolodi

ba nka ba botsang

gore ba mpusetse karabo.

29 Bonang,

botlhe ba boithamako fela,

ditiro tsa bone ga se tsa sepe;

medimo ya diseto ya bone

ke phefo fela, ke ya lefelafela.