JESAYA 45

Mong-wa-thata-yotlhe o dirafatsa tiro ya gagwe ka kgosi Korese, sediri sa gagwe

1 Morenao raya Korese, motlodiwa wa gagwe, a re:

“Wena yo ke go tshwereng

letsogong le le jang

gore ke dige ditšhaba

fa pele ga gago,

ke tlhamolole matheka a dikgosi,

ke go bulele mejako gore dikgoro

e se ka ya nna tse di tswetsweng:

2 Ke tla go etelela pele ka nosi,

ke lekalekanya mebotwana,

ke thuba ditswalo tsa kgotlho,

ke thubaganya diphemelo

tsa tshipi.

3 Ke tla go naya dikhumo

tse di mo sephiring

le mahumo a a fitlhegileng

gore o tle o itse gore,

ke nnaMorena

yo o go biditseng ka leina la gago,

Modimo wa Iseraele.

4 Ke go biditse ka leina la gago

ka ntlha ya ga Jakobe,

motlhanka wa me,

le ka ntlha ya ga Iseraele,

yo ke mo itlhaoletseng

ka go okeletsa maina a tlotlo,

le fa o sa nkitse.

5 “Ke nnaMorena,

ga go na ope o sele;

le gona ga go na Modimo ope

kwa ntle ga me.

Ke go tlamile, le fa o sa nkitse,

6 gore ba itse

go tswa kwa botlhabatsatsi

go fitlha kwa bophirimatsatsi,

fa go se ope kwa ntle ga me.

Ke nnaMorena,

go se na ope o sele.

7 Ke nna yo ke bopang lesedi,

le gona ke tlhola lefifi;

ke dira pholoso,

le gona ke tlhola tatlhego.

Ke nnaMorena

yo o dirang dilo tsotlhe tse.

8 Lona magodimo,

rothang go tswa kwa godimo!

A maru a nese lesego!

A lefatshe le kolobe

gore go tlhoge pholoso.

Le gona lefatshe

le godise tshiamo.

Ke nnaMorena

yo ke tlhodileng tseo.”

9 A tatlhego ya gagwe wee

yo o lwang le Mmopi wa gagwe,

etswe e le lobeana fela

mo gare ga mabeana a letsopa.

A letsopa le ka raya mmopi

wa lone la re: “Ò dira eng?”

A tiro ya gago e ka re:

“Ga o na diatla?”

10 A tatlhego wee

ya yo o rayang rra-bana a re:

“O tsaletseng?”

A ba a raya mosadi a re:

“O belegetseng?”

11 Morena, Moitshepi wa Iseraele,

Mmopi wa gagwe,

o bua jaana a re:

“Mpotseng tse di tla dirafalang;

lo nte ke laole bomorwaake

le tiro ya diatla tsa me.

12 Ke nna yo ke dirileng lefatshe,

ka tlhola batho mo go lone;

ke nna yo ke phutholotseng

legodimo ka diatla tsa me,

ka laola lesomo lotlhe la lone.

13 Ke nna yo ke tsositseng Korese

ka tshegofatso;

ke tla baakanya ditsela tsotlhe

tsa gagwe.

Ene o tla aga motse wa me,

a golola batshwarwi ba me

kwa ntle ga serekololo

le kwa ntle ga dimpho.”

Morenawa masomosomo

o buile jalo.

14 Morenao bua jaana a re:

“Khumo ya Egepeto le kgwebo

ya Ethiopia le Baseba ba e leng

banna ba baleele di tla tlisiwa

kwa go wena gore e nne tsa gago;

ba tla go latela,

ba fetela pele

ba ntse ba golegilwe

ka dikeetane,

ba obamela

ba lebile kwa go wena ba re:

‘Ka nnete, Modimo o na nao;

ga go na ope o sele,

ga go modimo o mongwe.

15 Ruri,

wena o Modimo o o fitlhegileng;

wena Modimo wa Iseraele,

o Mopholosi.

16 Ba ba bopang modimo ya diseto

ba tlhabilwe ke ditlhong,

le gona ba nyatsega

botlhe mmogo, ba tsamaya

ba le mo tshilofalong.’ ”

17 Iseraele o pholosiwa keMorena.

Ke pholoso e e sa khutleng.

Ga lo nke lo tlhajwa ke ditlhong,

le e seng go kgobiwa ka gale

le ka bosakhutleng.

18 GonneMorena,

Motlhodi wa legodimo,

yo e leng Modimo o le osi fela,

yo o bopileng lefatshe, a le dira,

a le thaya –

ga a le bopela gore le nne senya,

mme o le bopetse

gore batho ba nne mo go lone –

o bua jaana a re:

“Ke nnaMorena,

ga go na ope o sele.

19 Ga ke a ka ka bua mo sephiring,

mo felong ga lefatshe fa go lefifi;

ga ke a raya losika lwa ga Jakobe

ka re: ‘Mpatleleng lefela!’

Ke nnaMorena

yo o buang tsa nnete,

yo o itsiseng tse di siameng.”

Morena wa mafatshe otlhe Medimo ya Babele

20 “Phuthegang, tlayang,

lo atamele kwano lotlhe,

ba lo falotseng ba ditšhaba!

Ba ba rweleng kota

e e leng modimo wa bone,

ba ba rapelang modimo

o o sa thuseng sepe,

ga ba itse sepe.

21 Itsiseng, o tlise medimo kwano!

Ee, a e gakololane mmogo!

Ke mang

yo o sa bolong go utlwisa tseo,

a di itsise kgale?

A ga se nnaMorena,

mme go se na modimo ope

kwa ntle ga me?

Modimo wa boammaaruri

o o pholosang

ga o teng kwa ntle ga me.

22 “Sokologelang kwa go nna

gore lo tle lo pholosiwe,

lona dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe.

Gonne ke nna Modimo,

ga go na ope o sele.

23 Ke ikanne ka nna;

boammaaruri bo dule

mo molomong wa me,

e leng lefoko

le le sa dirololweng le le reng:

‘Mangole otlhe

a tla nkhubamela,

diteme tsotlhe di tla ineela

mo go nna ka maikano.’

24 Go tla twe:

‘Ke na le pholoso e e tletseng

le thata moMorenengfela.’

Ba tla tla kwa go ene;

mme botlhe ba ba mo

gakaletseng ba tla tlhajwa

ke ditlhong.

25 Losika lotlhe lwa Iseraele

lo tla siamisiwa moMoreneng,

lo ipoka ka ene.