1 “Bele o kokobetse,
Nebo o sokame!
Ditshwantsho tsa medimo
ya bone di belesitswe diesele le
dikgomo, tse lo neng lo di rwala.
Jaanong ke morwalo wa diphedi
tse di lapileng.
2 Di feletswe ke thata,
di wela mmogo fa fatshe,
ga di kgone go pholosa
morwalo wa medimo.
Yona ka yosi
e ya mo botshwarong.
3 “Nkutlweng,
lona ba lapa la ga Jakobe
le lona masalela otlhe
a Baiseraele:
Ke lona lo belegweng ke nna
go tswa sebopelong;
ke lona lo beputsweng ke nna.
4 Mme ke ntse ke le ene
go fitlha tsofalong.
Ke nna yo ke tla belegang lona
go tsamaya lo nna
tlhogo di pududu.
Ke nna yo ke dirileng jalo;
ke nna yo ke tla rwalang,
ke nna yo ke belegang,
ke nna yo ke pholosang.
5 “Lo tla ntshwantshanya le mang,
lo ntekanya le mang,
lo mpapisa le mang,
gore re tshwane?
6 Ba ba ntshang gouta
mo letloleng le go lekanya selefera
ka selekanyetso,
ba rapa mothudi wa gouta
gore a dire modimo ka tsona;
ba feta ba khubama,
ee, ba o obamela.
7 Ba o sikara mo magetleng,
ba o rwala,
ba o emisa mo mannong a ona.
Jaanong o eme,
ga o sute mo felong ga ona.
Le fa mongwe a goela
kwa go ona,
ga o arabe;
ga o mo pholose
mo tlalelong ya gagwe.
8 “Gakologelwang tseo,
lo eme senna,
lona baikepi, lo di tlhokomele!
9 Gakologelwang dilo tsa pele,
tsa bogologolo.
Kana ke nna Modimo,
ga go na ope o sele;
ke nna Modimo, ga go na ope
yo o tshwanang le nna.
10 Ke nna yo ke itsisitseng
bokhutlo
e sa le mo tshimologong,
le tse di iseng di dirafale
mo metlheng ya kgale.
Ke nna yo ke rileng:
‘Maikaelelo a me a tla dirafala;
tsotlhe tse di nkgatlhang
ke tla di dira.
11 Ke nna yo ke biditseng ntsu
kwa botlhabatsatsi,
e bong monna yo o tla
dirafatsang maikaelelo a me,
a tswa kwa lefatsheng
le le kgakala.
Ke di begile,
le gona ke tla di tlisa;
ke di etleeditse,
le gona ke tla di fetsa.
12 “ ‘Nkutlweleleng,
lona ba lo pelo
di thatafaditsweng,
ba lo leng kgakala le tshiamo!
13 Ke atameditse tshiamiso ya me,
ga e kgakala.
Pholoso ya me ga e diege.
Ke aba pholoso mo Sione,
ke naya Iseraele kgalalelo ya me.’