JESAYA 50

1 Morenao bua jaana a re:

“Lokwalo lwa tlhalo

la ga mmaeno lo kae,

lwa ke mo tlhadileng ka lone?

Gongwe ke molato le mang,

yo ke lo rekisitseng

mo go ene?

Bonang, lo rekisitswe

ka ntlha ya melato ya lona.

Mmaalona o tlhadilwe

ka ntlha ya maleo a lona.

2 “Ke ka ntlhaang, fa ke tlile,

ke sa fitlhele ope; ka bitsa,

mme go se na yo o arabang?

A ruri letsogo la me

le khutshwafetse,

mo le sa itseng go rekolola?

Gongwe a ke tlhoka thata

ya go ka pholosa?

Bonang, ke kgadisa lewatle

ka kgalemelo ya me,

ke fetola dinoka sekaka;

ditlhapi tsa tsona

di be di nkge,

ka di se na metsi,

di swe ka lenyora.

3 Ke apesa legodimo bontsho;

ke le bipe ka diaparo

tsa bohutsana.”

Kutlo ya Motlhanka wa Morena le boikanyo jwa gagwe

4 Morena Modimo o mphile

loleme lwa yo o rutegileng

gore ke itse go lapolosa

yo o lapileng ka mafoko;

o ntsosa mo mosong

mongwe le mongwe,

o nthibolola tsebe

gore ke utlwe jaaka barutwa.

5 Morena Modimo

o nthibolotse tsebe,

mme nna ga ke a ganetsa;

ga ke a sutela kwa morago.

6 Ke neetse ba ba ntitayang

motlhana wa me,

le ba ba ntlhobang ditedu,

marama a me;

ga ke a ipipa sefatlhego,

fa ba nkgoba,

ba nkgwela mathe.

7 Morena Modimo

o ntse a nthusa;

ke ka moo ke sa tlhajweng

ke ditlhong;

ke ka moo ke dirileng

sefatlhego sa me

jaaka legakwa,

ka itse gore kgala

ga e na go nkama.

8 Yo o ntshiamisetsang o gaufi!

Ke mang yo o ratang

go seka le nna?

A re emeng mmogo!

Ke mang yo o ganetsanyang

le nna? A a nkatamele!

9 Bonang,

Morena Modimo o a nthusa.

Ke mang yo o ka mponang

molato?

Bonang, ba tla onala botlhe

jaaka seaparo; motoutwana o tla ba ja.

10 Ke mang mo go lona

yo o boifangMorena,

yo o utlwang lentswe

la motlhanka wa gagwe,

yo o sepelang mo mafifing

a sa bone lerang la lesedi?

A a ikanye leina laMorena,

a ikaege ka Modimo

wa gagwe.

11 Bonang, lona lotlhe

ba lo gotsang molelo,

lo itlama ka metsu e e tukang,

tsamayang mo kgabong

ya molelo wa lona le ya metsu

e e tukang e lo e tshumileng.

Ke sona se se lo dirafalelang,

se tswa mo seatleng sa me.

Lo na le go lala fa fatshe

mo felong ga tlhokofatso.