JESAYA 51

Kgomotso ya Modimo mo Baiseraeleng ba ba bogisegileng

1 “Nkutlweng

ba lo latelelang tshiamo,

ba lo batlangMorena.

Lebang lefika

le lo gabilweng mo go lone,

le moepo wa sediba

o lo epolotsweng mo go ona.

2 Lebang Aborahame rraeno

le Sara yo o lo belegeng!

Gonne ke mmiditse

a ntse a le esi fela;

ka mo tshegofatsa,

ka mo atisa.

3 “GonneMorena

o gomotsa Sione,

o gomotsa marope otlhe

a gagwe.

O tla fetola sekaka sa gagwe

tshimo ya Etene

le naga ya gagwe

tshimo yaMorena.

Lethabo le boitumelo

di tla fitlhelwa teng,

le difela tsa pako

le melodi ya dikopelo.

4 “Ntheetseng, morafe wa me,

ntshekegeleng ditsebe,

batho ba me!

Gonne thuto e tla tswa

mo go nna;

boammaaruri jwa me

ke tla bo tlhoma go nna lesedi

la merafe.

5 Tshiamo ya me e gaufi,

pholoso ya me e bolotse.

Mabogo a me

a tla betsa merafe.

Ditlhakatlhake di tla ntebelela,

di solofela letsogo la me.

6 Tsholetsang matlho

lo lelale kwa legodimong,

lo be lo lebe lefatshe

kwano tlase.

Gonne legodimo

le tla phatlalala jaaka musi;

lefatshe le onala jaaka seaparo.

Baagi ba lone

ba tla swa jaaka menang.

Mme pholoso ya me

e tla nna teng

ka bosakhutleng.

Tshiamo ya me

ga e kitla e senyega.

7 “Nkutlweleleng

ba lo itseng tshiamo,

lona batho ba molao wa me

o leng teng mo dipelong

tsa lona.

Se boifeng kgobo ya batho!

Se tshogeng dikgalo tsa bone.

8 Gonne motoutwana

o tla ba ja jaaka seaparo,

tshwele e ba ja jaaka boboa.

Mme tshiamo ya me

e tla nna teng

ka bosakhutleng,

le pholoso ya me

mo ditshikeng tsotlhe.”

9 Thanya, thanya, o apare thata,

wena letsogo laMorena!

Thanya jaaka mo malatsing

a kgale le mo ditshikeng

tsa bogologolo!

A ga se wena o remagantseng

kgogela,

wa phololetsa kgwanyape?

10 A ga se wena

yo o kgadisitseng lewatle

le metsi a bodiba jo bogolo,

wa fetola mateng a lewatle

tsela gore ba ba golotsweng

ba tshele?

11 Ba ba rekolotsweng

baMorenaba tla boa,

ba fitlha mo Sione

ka tuduetso.

Boitumelo jo bo sa khutleng

bo tla okama ditlhogo

tsa bone.

Ba tla nna mo boitumelong

le mo lethabong.

Bohutsana le diphegelo

di tla tshabela kgakala.

12 “Ke nna,

ke nna yo ke lo gomotsang.

O tla bo o le mang,

fa o boifa motho

yo o tla swang,

le morwa motho

yo o tla dirwang jaaka bojang?

13 O tla bo o le mang,

fa o lebalaMorena

yo o go dirileng,

yo o phuthololang legodimo,

a thaya lefatshe;

fa o tlhola o boifa kgalefo

ya mogateledi letsatsi lotlhe,

motlhang a iketleeleditseng

go senya?

Mme jaanong e kae,

kgalefo ya mogateledi?

14 Yo o kudupantsweng

ka dikgole

o tla akofa a funololwa.

Ga a nke a swela

mo moleteng,

le e seng go tlhoka

dijo tsa gagwe.

15 “Mme nna keMorena,

Modimo wa gago,

yo o huduang lewatle

gore makhubu a lone a sume.

Morenawa masomosomo,

ke lone leina la me.

16 Ke beile mafoko a me

mo molomong wa gago,

ka go khurumetsa

ka moriti wa seatla sa me

gore ke phutholole legodimo,

ke thae lefatshe,

ke ree Sione ke re:

‘O morafe wa me.’ ”

Dipogo tsa Jerusalema di tla khutla

17 Itsose, itsose, o tsoge,

wena Jerusalema

yo o nositsweng senwelo

sa bogale jwaMorena

ka seatla sa gagwe;

wa nwa senwelo

se se theekedisang,

wa se minolosa.

18 Jerusalema o ne a se na ope

mo go bomorwawe botlhe

ba o ba tsetseng,

yo o mo gogang;

a se na ope

mo go bomorwawe botlhe,

yo o mo tshwarang letsogong.

19 Dilo tse pedi tse,

di go dirafaletse –

Ke mang yo o tla go lelelang? –

e bong kgatelelo le tshenyego,

gape leuba le tšhaka.

Ke mang

yo o ka go gomotsang?

20 Bomorwao ba ne ba rapaletse

fa fatshe mo mebileng yotlhe

fa e kgabaganang teng

ba idibetse

jaaka tshephe mo gopong,

ba tletse kgalefo yaMorena

le kgalemelo

ya Modimo wa gago.

21 Ka moo ge, utlwa fa,

wena yo o bogisegileng,

yo o tagilweng,

mme e seng ka weine:

22 Morena wa gago,Morena,

Modimo wa gago,

yo o lwelang morafe

wa gagwe,

o bua jaana a re:

“Bona, ke tlositse senwelo

se se theekedisang

mo seatleng sa gago,

e bong senwelo

sa bogale jwa me.

Ga o kitla o tlhola o se nwa.

23 Mme ke tla se tsenya

mo diatleng

tsa bagateledi ba gago

ba ba go reileng ba re:

‘Inama, re go gate, re fete!’

Wa ba wa dira motlhana

wa gago jaaka lefatshe,

jaaka tsela ya ba ba gatang,

ba feta.”