1 Ke mang yo o dumetseng
tse re di utlwileng?
Letsogo laMorena
le ne le senoletswe mang?
2 Motlhanka waMorena
o ne a tlhoga fa pele ga gagwe
jaaka letlhogela le jaaka modi
mo lefatsheng
le le omeletseng.
O ne a se na popego le bontle,
fa re ka mo lebang;
a se na ponalo,
fa re ka mo eletsang.
3 O ne a nyatsega,
a tlogelwa ke batho;
e le monna wa matlhoko,
a tlwaetse bolwetse;
e le yo ba mo fitlhelang
difatlhego;
a nyatsega,
mme ra se ka ra mo kaya sepe.
4 Mme ruri ene o rwele
malwetse a rona,
a sikara matlhoko a rona;
mme rona ra itlhoma,
fa a bediwa,
a itewa ke Modimo,
a bogisiwa.
5 Mme ene o phololeditswe
ka ntlha ya maleo a rona,
a teketelwa melato ya rona.
Petso ya mo wela
gore rona re bone kagiso.
Mme re fodisitswe
ka dintho tsa gagwe.
6 Rona rotlhe re ne re timetse
jaaka dinku,
mongwe le mongwe wa rona
a fapogela
mo tseleng ya gagwe,
mmeMorenao ne a digela
melato ya rona rotlhe
mo go ene.
7 E rile a bogisiwa a ikokobetsa,
a sa bule molomo wa gagwe
jaaka kwanyana
e e isiwang kwa tlhabong
le jaaka nku e e leng semumu
fa pele ga babeodi ba yona.
Ee, ga a ka a bula molomo.
8 O ne a ntshiwa
mo pitlaganong
le mo tshekisong.
Go ne ga tsaatsia mang
mo go ba ba phelang nae?
Gonne o ne a kgaolwa
mo lefatsheng la baphedi,
a otlwa mo go isang losong
ka ntlha ya boikepo
jwa morafe wa me.
9 Ba ne ba mo naya lebitla
mo baikeping,
le fa a sa dira tshiamololo epe;
le fa go se tsietso
mo molomong wa gagwe;
mme ya re a swa,
a nna le mohumi.
10 Mme go ne ga kgatlhaMorena
go mo itaya
le go mo tlhokofatsa.
Fa a sena go ntshetsa bophelo
jwa gagwe setlhabelo sa boleo,
o tla bona losika,
a phela malatsi a mantsi,
mme tse di kgatlhangMorena
di tla tswelela pele
ka seatla sa gagwe.
11 O tla bona tseo,
a kgora ka ntlha ya tapisego
ya mowa wa gagwe.
“Motlhanka wa me
yo o siameng
o tla siamisa ba bantsi
ka kitso ya go mo itse,
mme melato ya bone
ene o tla e rwala.
12 Ka moo ke tla mo abela
boswa mo go ba bagolo;
o tla abanya thopo
le ba ba thata;
ka gonne o ne a neela
bophelo jwa gagwe
mo losong,
a balwa le baikepi.
Mme tota o ne a rwala
boleo jwa ba bantsi,
a rapelela baikepi.”